Bokhutlo jwa baba ba Baiseraele
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
“Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi
go tswa bokaung jwa me” –
a Baiseraele ba bue jalo ba re:
2 “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi
go tswa bokaung jwa me,
mme ga ba a ka ba mphenya.
3 Balemi ba lemile
mo mokokotlong wa me;
ba leelefatsa mesele ya bona
ya mogoma.
4 Morenao siame;
o kgaotse dikgole tsa baikepi.”
5 A ba tlhajwe ke ditlhong,
ba kate ka morago bona botlhe
ba ba tlhoileng Sione.
6 A ba nne jaaka bojang
jo bo tlhogang
mo godimo ga ntlo,
jo bo omelelang
bo ise bo kumolwe,
7 jo mosegi o sa bo tlatseng seatla,
le e seng yo o bofang dingata
go bo tlatsa letsogo;
8 fa bafeti ba sa ka keng ba bua teng
ba re:
“A tshegofatso yaMorena
e nne le lona,
re lo tshegofatsa
ka leina laMorena.”