DIPESALOME 133

Lorato lwa bakaulengwe

1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita.

Bona, go monate jang,

go gontle jang,

fa bana ba motho ba agile mmogo

ka bongwefela jwa pelo.

2 Go ntse jaaka lookwane

lo lo rategang lo lo mo tlhogong,

lo tshologela mo ditedung,

ditedu tsa ga Arone,

tse di lepelelelang mo momenong

wa diaparo tsa gagwe.

3 Go tshwana le monyo

wa Heremone o o fologelang

mo dithabeng tsa Sione;

gonneMorena

o rometse tshegofatso teng,

e bong bophelo jo bo sa khutleng.