Pako ya Morena, Modimo o o leng boammaaruri o le osi
1 Haleluya!
Bakang leina laMorena,
bakang, lona batlhanka
baMorena!
2 Lona ba lo emeng
mo Ntlong yaMorena,
mo malapeng a Ntlo ya Modimo
wa rona,
3 bakangMorena,
gonneMorenao molemo;
opelelang leina la gagwe pako;
gonne le a kgatlha.
4 GonneMorena
o itlhophetse Jakobe,
e bong Iseraele go nna wa gagwe.
5 Ruri nna ke a itse,
faMorenaa le mogolo;
Morena wa rona
o feta medimo yotlhe.
6 Sengwe le sengwe seMorena
o se ratang
o se dira mo legodimong
le mo lefatsheng
le mo mawatleng
le mo mafelong otlhe a a boteng.
7 Ke ene yo o tlhatlosang meuwane
go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe,
a direla pula dikgadima,
a ntsha phefo mo dipolokelong
tsa gagwe.
8 Ke ene yo o iteileng maitibolo
a Egepeto,
a batho le a dikgomo;
9 a go romela ditshupo
le dikgakgamatso, wena Egepeto,
a betsa Farao le batlhanka botlhe
ba gagwe.
10 Ke ene yo o fentseng ditšhaba
tse dintsi,
a bolaya dikgosi tse di thata,
11 e bong Sihone, kgosi ya Baamori,
le Oge, kgosi ya Basane,
le magosi otlhe a Kanana.
12 A aba lefatshe la bona
go nna boswa,
boswa jwa Baiseraele,
morafe wa gagwe.
13 Morena, leina la gago
ke le le sa khutleng;
Morena, o tla nna o gopolwa
mo losikeng longwe le longwe.
14 GonneMorenao tla siamisetsa
morafe wa gagwe,
a utlwela batlhanka ba gagwe
botlhoko.
15 Medimo ya diseto ya Baditšhaba
ke selefera le gouta,
ke tiro ya diatla tsa batho.
16 E na le melomo, mme ga e bue;
e na le matlho, mme ga e bone;
17 e na le ditsebe, mme ga e utlwe;
mme le gona ga go na mowa
mo melomong ya yona.
18 Badiri ba yona ba tla tshwana nayo
le botlhe ba ba e ikanyang.
19 Lona Baiseraele, bakangMorena;
lona boora Arone, bakangMorena!
20 Lona Balefi, bakangMorena;
lona ba lo boifangMorena,
bakangMorena!
21 A go bakweMorena
go tswa mo Sione,
ena yo o agileng mo Jerusalema.
Haleluya!