DIPESALOME 136

Bopelontle jwa Morena bo ka bosakhutleng

1 LebogangMorena,

gonne o molemo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

2 Lebogang Modimo wa medimo;

gonne bopelotlhomogi jwa ona

ke jo bo sa khutleng.

3 Lebogang Morena wa barena;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

4 Ena yo o dirang

dikgakgamatso tse dikgolo a le esi;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

5 Yo o dirileng legodimo ka botlhale;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

6 Yo o ngamotseng lefatshe

godimo ga metsi;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

7 Yo o dirileng masedi a magolo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

8 Letsatsi go laola motshegare;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

9 Ngwedi le dinaledi go laola bosigo;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

10 Yo o iteileng Baegepeto

ka go bolaya maitibolo a bona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

11 A ntsha Iseraele mo gare ga bona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

12 ka seatla se se thata le ka letsogo

le le otlologileng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

13 Yo o kgaogantseng

Lewatle le Lehibidu ka bogare;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

14 A tshedisa Iseraele fa gare ga lone;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

15 Mme a digela Farao

le mephato ya gagwe

mo Lewatleng le Lehibidu;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

16 Yo o ne a ralatsa batho ba gagwe

dikaka;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

17 Yo o fentseng dikgosi tse dikgolo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

18 A bolaya dikgosi tse di tumileng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

19 Sihone, kgosi ya Baamori;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

20 le Oge, kgosi ya Basane;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

21 Mme a aba lefatshe la bona

go nna boswa;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

22 go nna boswa jwa ga Iseraele,

motlhanka wa gagwe;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

23 Yo o re gopotseng mo bobotlaneng

jwa rona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

24 A re swatola

mo go ba ba re pitlagantseng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

25 Yo o fang ditshedi tsotlhe dijo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

26 Lebogang Modimo wa magodimo;

gonne bopelotlhomogi jwa ona

ke jo bo sa khutleng.