Kwa dinokeng tsa Babele
1 Re ne re dutse fa dinokeng
tsa Babele,
ra ba ra lela, fa re gopola Sione.
2 Re ne re pega diharepa tsa rona
mo megokareng ya teng.
3 Gonne ke teng kwa batshwari
ba rona ba neng ba batla mafoko
a sefela mo go rona gona;
ba ba re thopileng ba senka
boitumelo mo go rona ba re:
“Re opeleleng sefela sengwe
sa Sione.”
4 Kana re ne re ka opela
sefela saMorenajang,
re le mo nageng e sele!
5 Fa nka go lebala, wena Jerusalema,
a seatla sa me se se jang se lebale
tiro ya sona.
6 A loleme lwa me lo kgomarele
magalapa a me, fa ke sa go gopole,
fa ke sa itumelele Jerusalema
bogolo go dilo tsotlhe!
7 Morena, gopola Baetomo,
ba ka letsatsi la Jerusalema
ba rileng:
“Mo rutleng, mo phomeng
go fitlha mo motheong!”
8 Morwadi Babele, wena mogateledi,
go sego yo o tla go busetsang
ditiro tsa gago tse o di re diretseng!
9 Go sego ena yo o tla phamolang
masea a gago,
a a thubaganya mo lefikeng!