DIPESALOME 139

Kitso yotlhe ya Modimo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

Morena, o a ntlhotlhomisa,

o a nkitse.

2 O itse go nna ga me

le go nanoga ga me;

o tlhaloganya maikaelelo a me

o le kgakala.

3 O sekaseka go tsamaya ga me

le go lala ga me;

mme ditsela tsotlhe tsa me

o a di ela tlhoko.

4 Gonne ga go na lefoko lepe

mo lolemeng lwa me

le, wenaMorena,

o sa le tlhaloganyeng gotlhe.

5 O ntikanyeditse kwa morago

le kwa pele,

o beile seatla sa gago mo go nna.

6 Kitso e, ke a e gakgamalela,

e a mpalela;

e kwa godimo, ke retelelwa

ke go fitlha kwa go yona.

7 Nka ya kae go efoga

mo Moweng wa gago,

sefatlhego sa gago

nka se tshabela kae?

8 Fa nka tlhatlogela kwa legodimong,

o tla bo o le teng;

fa nka ntsha felo ga baswi

bolao jwa me,

bona, o tla bo o le gona.

9 Fa nka tsaya diphuka tsa mahube,

ka ya go aga kwa bokhutlong

jwa lewatle,

10 le koo seatla sa gago se tla nkgoga,

seatla se se jang sa gago

se ntshwara.

11 Le fa nka re: “A lefifi le mpipe,

a lesedi le le ntikanyeditseng

le nne lentsho tikologong ya me,”

12 foo le lefifi ga le nke le nna lefifi

mo go wena,

le bosigo bo tla galalela

jaaka motshegare,

lefifi le tshwana le lesedi.

13 Gonne o dirile diphilo tsa me,

wa mpopa

ke le mo mmeleng wa ga mme.

14 Ke a go leboga,

ka ke dirilwe ka kgakgamatso

e e gaisang;

di a gakgamatsa, ditiro tsa gago,

mme mowa wa me

o itse sentle jalo.

15 Marapo a me

a ne a sa go fitlhegela,

motlheng o ke dirilweng ka ona

mo bosaitsiweng,

ke logiwa sentle

mo botennye jwa lefatshe.

16 Matlho a gago a mponye

ke simolola go utlwelelwa;

mme malatsi a me

a a sa leng a rulaganngwa

go ise go nne lepe la ona,

a kwadilwe otlhe

mo lokwalong lwa gago.

17 Modimo, mo go nna

megopolo ya gago e ratega jang!

Palo ya yona e kana kang!

18 Fa ke re, ke a e bala,

ke fitlhele e feta motlhaba.

Fa ke thanya,

ke fitlhele ke sa ntse ke na nao.

19 Modimo, bolaya tlhe moikepi!

Lona banna ba polao, ntlogelang.

20 Ke ba ba go rukhutlhegelang

ka boferefere,

ba bolela leina la gago

ka go sa tshwanelang.

21 Morena, a ga ke na go tlhoa bone

ba ba go tlhoileng,

le go tenwa ke ba ba go tsogelang?

22 Ke ba tlhoile ka letlhoo

le le tletseng,

ba mphetogetse baba.

23 Nkeleke, Modimo,

o itse pelo ya me;

nteke, o itse megopolo ya me,

24 mme o bone,

fa ke le mo tseleng e e bosula,

mme o nkgogele

mo tseleng ya bosakhutleng!