Kopo ya go sa tseneng mo thaelong le mo pogisong
1 Pesalome ya ga Dafita.
Morena, ke a go bitsa;
itlhaganele, o tle go nna;
utlwa lentswe la me,
fa ke goela go wena.
2 A thapelo ya me e nne
jaaka maswalo fa pele ga gago;
a tsholetso ya me ya mabogo
e nne jaaka tshupelo ya maitsiboa.
3 Morena,
beela molomo wa me tiso;
lebelela mojako wa molomo wa me.
4 Se sokololele pelo ya me
kwa selong se se bosula
go dira ditiro tsa boikepo
le banna ba ba dirang bosula,
mme a ke se je monate o ba o jang.
5 Mosiami a ka ntitaya, ke ka lorato,
a ka nkwatlhaya,
ke lookwane lwa tlhogo;
tlhogo ya me ga e kitla e lo gana.
Le fa go ntse jalo ke rapela
ka ntlha ya masula a bona.
6 Fa baatlhodi ba bona
ba digwa mo makgotlhong,
ba tla utlwa mafoko a me,
fa e le a a monate.
7 Marapo a rona a gasagasegile
fa mojakong wa felo ga baswi
jaaka fa motho a lema,
a gagola lefatshe.
8 Gonne matlho a me a lebile wena
ModimoMorena;
ke batla botshabelo fa go wena;
se ntshe mowa wa me mo nameng.
9 Mphemele mo thateng ya segole
se ba nthaisitseng ka sona,
le mo dirung
tsa ba ba dirang bosula.
10 A baikepi ba wele mo lemeneng
la bona botlhe mmogo,
mogang nna ke fetang ke falola.