Thapelo mo pogisong e e thata
1 Sefela sa thuto sa ga Dafita, fa a ne a le mo logageng. Thapelo.
2 Ke goelaMoreneng
ke tlhatlositse lentswe;
ke lelela boitshwarelo
moMoreneng
ke tsholeditse lentswe.
3 Ke tshololela selelo sa me
fa pele ga gagwe,
ke bega tlalelo ya me
fa pele ga gagwe.
4 Fa ke nyema moko,
wena o itse tsela ya me.
Ba mpeetse serai mo tseleng
e ke tshwanetseng go e tsamaya.
5 Ke lebile ntlheng ya letsogo
le le jang,
ke fitlhela go se na ope
yo o nkitseng;
botshabelo jwa me bo ile;
ga go ope yo o mpotsang bophelo.
6 Ke goela kwa go wena,Morena,
ke re:
“Ke wena botshabelo jwa me
le kabelo ya me
mo lefatsheng la baphedi.”
7 Ela selelo sa me tlhoko;
gonne ke koafetse segolo;
nkgolole mo babogising ba me;
gonne ba mpheta ka thata.
8 Nntshe mo kgolegong
gore ke galaletse leina la gago.
Basiami ba tla ntikanyetsa,
fa o ntirela molemo.