Dafita o kopa gore a gololwe ka bonako mo babeng ba gagwe
1 Pesalome ya ga Dafita.
Utlwa thapelo ya me,
Morena, o ele selelo sa me tlhoko;
nkutlwe ka fa boikanyegong
jwa gago le ka tshiamo ya gago.
2 Mme o se ka wa seka
le motlhanka wa gago;
gonne ga go na mophedi ope
yo o siameng fa pele ga gago.
3 Gonne mmaba
o bogisa mowa wa me,
o gateletse bophelo jwa me
fa fatshe;
o nkagisa mo lefifing
jaaka bona ba ba swetseng ruri.
4 Mowa wa me o a felelela;
pelo ya me e gatsetse
mo teng ga me.
5 Ke gakologelwa malatsi
a bogologolo,
ke akanya tsotlhe tse o di dirileng;
ke gopola ditiro tsa diatla tsa gago.
6 Ke otlololela mabogo kwa go wena,
mowa wa me o go nyoretswe
jaaka lefatshe le le omeletseng.
Sela.
7 Morena, akofa o nkutlwe,
mowa wa me o a idibala;
se mphitlhele sefatlhego sa gago,
gore ke se ka ka nna jaaka bona
ba ba fologetseng kwa moleteng.
8 Nkutlwise bopelonomi jwa gago
mo mosong;
gonne ke ikantse wena.
Nkitsise tsela
e ke tshwanetseng go e tsamaya;
gonne ke tsholeletsa mowa wa me
kwa go wena.
9 Nkgolole mo babeng ba me,
Morena, ke itiketsa ka wena.
10 Nthute go dira se se go natefelang;
gonne o Modimo wa me.
A Mowa wa gago o o molemo
o nkgoge mo tseleng
e e lekalekanyeng.
11 Morena, mphedise
ka ntlha ya leina la gago,
o nntshe mo pitlaganong
ka tshiamo ya gago.
12 Mme o nyeletse baba ba me
ka fa bopelonoming jwa gago,
mme botlhe ba ba ntwantshang
o ba bolae;
gonne ke motlhanka wa gago.