DIPESALOME 144

Thapelo ya go fenya le setshwantsho sa lesego le le kwa pele

1 Pesalome ya ga Dafita.

A go bakweMorena,

lefika la me, yo o rutileng

diatla tsa me go tlhabana

le menwana ya me go lwa;

2 e bong Montlhomogelapelo

le Montshireletsi;

Momphemedi le Mompholosi;

thebe ya me le yo ke mo ikanyang,

yo o tsenyang morafe wa me

mo taolong ya me.

3 Morena, kana motho ke eng,

fa o mo itse,

le ngwana wa motho,

fa o mo tlhokomela?

4 Motho o tshwana le pudulo fela;

malatsi a gagwe

a feta jaaka moriti.

5 Morena, sekamisa legodimo

la gago o fologe;

ama dithaba gore di kue musi.

6 Gadimisa legadima,

mme o ba phatlalatse;

roma metsu ya gago, o ba tseanye.

7 Ntsha mabogo a gago,

o le kwa godimo, o nkinole;

o ntshwatole mo merwaleleng,

mo diatleng tsa baeng,

8 ba melomo ya bona

e buang maaka,

ba diatla tsa bona tse di jang

e leng tsa tsietso!

9 Modimo,

ke tla go opelela sefela se sešwa,

ke go leletsa harepa ya dithapo

di le some.

10 Ke wena yo o nayang dikgosi

phenyo,

yo o falodisang Dafita,

motlhanka wa gago,

mo tšhakeng e e senyang.

11 Ntshwatole o nkgolole

mo diatleng tsa baeng,

ba melomo ya bona e buang maaka

ba diatla tsa bona tse di jang

e leng tsa tsietso!

12 A bomorwaa-rona

ba nne mo bokaung jwa bona

jaaka ditlhatshana

tse di godisitsweng;

le bomorwadia-rona ba nne

jaaka maotwana a sekhutlo

a a setilweng ka fa mokgweng

wa kago ya matlo a borena.

13 A difala tsa rona di tlale,

go ntshiwe mefutafuta ya dijo

mo go tsona;

a difutshane tsa rona

di ate ga dikete,

di ntsifale ga dikete tse some

mo mafulong a rona.

14 A dikgomo tsa rona di tsale

di se folotse

go se nne nyelelo le e seng go lelela

kotsi mo dipatlelong tsa rona.

15 Go sego morafe o o dirafalelwang

ke tseo;

go tlhogonolo morafe

oMorenae leng Modimo wa ona!