Tlotlo ya bogolo jwa Modimo le molemo wa ona
1 Sefela sa pako sa ga Dafita.
Modimo wa me,
ke tla go godisa, Kgosi;
ke baka leina la gago ka gale
le ka bosakhutleng.
2 Ke tla go baka
ka letsatsi lengwe le lengwe,
ke tumisa leina la gago
ka gale le ka bosakhutleng.
3 Morenao mogolo,
o tshwanetse go bakwa thata;
bogolo jwa gagwe
ga bo na tlhotlhomiso.
4 Losika longwe lo tla boka
ditiro tsa gago mo go lo longwe,
ba tla bolela ditiro tse di thata
tsa gago.
5 Ke tla bua ka ga phatsimo
ya borena
jo bo galalelang jwa gago
le ka ga ditiro tse di gakgamatsang
tsa gago.
6 Bona ba tla bua
ka ga thata ya ditiro
tse di boitshegang tsa gago,
mme nna ke tla bolela
bogolo jwa gago.
7 Ba tla utlwatsa tumo
ya molemo o mogolo wa gago,
ba dudueletsa tshiamo ya gago.
8 Morenao boitshwarelo
le boutlwelo-botlhoko;
ga a fele pelo,
o mogolo ka bopelotlhomogi.
9 Morenao molemo mo go botlhe,
boutlwelo-botlhoko jwa gagwe
bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.
10 Morena, a dibopiwa tsotlhe
tsa gago di go leboge,
a baratwa ba gago ba go bake.
11 A ba bolele kgalalelo
ya bogosi jwa gago,
ba bue ka ga thata ya gago
12 gore ba itsise bana ba batho
ditiro tse di bonatla tsa gago
le kgalalelo e e phatsimang
ya bogosi jwa gago.
13 Bogosi jwa gago ke bogosi
jo bo se nang bokhutlo,
puso ya gago
e nna go ya tshikatshikeng.
14 Morenao tshegetsa botlhe
ba ba wang,
o tsosa botlhe ba ba obegileng.
15 Matlho a ba botlhe a lebile wena,
mme o ba naya dijo tsa bona
ka nako e e lebanyeng.
16 O huporolola seatla sa gago,
o kgorisa diphedi tsotlhe ka natefo.
17 Morenao siame
mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe,
o pelonomi mo ditirong
tsotlhe tsa gagwe.
18 Morenao gaufi le botlhe
ba ba mmitsang,
botlhe ba ba mmitsang
ka boammaaruri.
19 O dirafatsa keletso ya bona
ba ba mmoifang,
o utlwa selelo sa bona, a ba thuse.
20 Morenao boloka botlhe
ba ba mo ratang,
mme baikepi botlhe
o a ba nyeletsa.
21 Molomo wa me o tla bolela
pako yaMorena;
a diphedi tsotlhe di galaletse
leina le le boitshepo la gagwe
ka gale le ka bosakhutleng.