DIPESALOME 146

Modimo o e leng mothusi o le osi wa boammaaruri

1 Haleluya! BakaMorena,

wena mowa wa me!

2 Ke tla nna ke galaletsaMorena

ke ntse ke phela;

ke tla nna ke opelela Modimo

wa me ke sa ntse ke le yo.

3 Lo se ka lwa ikanya barena,

le e seng ngwana wa motho

yo go se nang thuso epe

mo go ena.

4 Fa mowa wa gagwe o tswa,

o boela gape

kwa mmung wa gagwe;

maikaelelo a gagwe

a fele ka lone letsatsi leo.

5 Go sego ena yo Modimo

wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe,

yo tsholofelo ya gagwe

e leng mo goMorena,

Modimo wa gagwe,

6 yo o dirileng legodimo le lefatshe

le lewatle le tsotlhe

tse di mo go tsona;

yo o bolokang boammaaruri

ka bosakhutleng;

7 yo o direlang bapatikwi tshiamo,

ba ba tlala a ba fe dijo.

Morenao golola bagolegwi.

8 Morenao foufolola difofu;

Morenao tsosa ba ba obegileng;

Morenao rata basiami.

9 Morenao boloka baeng,

o gomotsa dikhutsana

le batlholagadi;

mme tsela ya baikepi yona

a e kgopamise.

10 Morenake kgosi ka bosakhutleng;

e bong Modimo wa gago,

Sione, go ya tshikatshikeng.

Haleluya!