Pesalome ya pako
1 GalaletsangMorena!
Gonne go pila
go leletsa Modimo wa rona,
ee, go monate;
sefela sa pako se tshwanetse.
2 Morenao aga Jerusalema,
o phutha balelekwi ba Iseraele.
3 O fodisa ba ba dipelo
di phatlogileng,
o fapa dintho tsa bona.
4 O tlhomamisa palo ya dinaledi,
tsotlhe o di taya maina.
5 Morena wa rona o mogolo,
o thata e kgolo;
tlhaloganyo ya gagwe
ga e ka ke ya lekanngwa.
6 Morenao kakatlolola
ba ba pelonolo;
mme baikepi bona
o ba digela fa fatshe.
7 TlhabelangMorena
sefela sa tebogo;
opelelang Modimo wa rona
ka harepa;
8 ona o o apesang legodimo ka maru,
o o baakanyetsang lefatshe pula,
o o medisang bojang mo dithabeng;
9 o o nayang diruiwa dijo tsa tsona,
le magakajane, fa a lela.
10 Ga o natefelwe ke thata ya pitse,
ga o kgatlhwe ke dikgoka
tsa monna.
11 Morenao kgatlhwa
ke ba ba mmoifang,
ba ba solofetseng
bopelonomi jwa gagwe.
12 Jerusalema, galaletsaMorena;
Sione, baka Modimo wa gago.
13 Gonne o thatafaditse mephakarego
ya mejako ya gago;
o tshegofaditse bana ba gago
mo go wena.
14 Ke ona o o nayang lefatshe la gago
kagiso,
o o go jesang mabele
a a nang le moko.
15 O romela taolo ya ona
kwa lefatsheng;
Lefoko la ona le siana thata.
16 O tlhotlhora semathana
jaaka boboa,
o gasa serame jaaka molora.
17 O latlhela sefako sa ona
jaaka dikgapetla.
Ke mang yo o ka itshokelang
letsididi la ona?
18 O roma Lefoko la ona,
o di gakolose;
o fokisa phefo ya ona, metsi a ele.
19 O itsise Jakobe Lefoko la ona,
o itsise Iseraele melao ya ona
le dithulaganyo tsa ona.
20 Ga o ise o ke o direle
morafe ope jalo,
mme dikatlholo tsa ona
ga ba di itse. Haleluya!