A dibopiwa tsotlhe di bake Morena
1 Haleluya! BakangMorena,
lo le mo magodimong;
mmakeng,
lo le mo mafelong a a godimo!
2 Mmakeng
lona baengele ba gagwe botlhe;
mmakeng
lona masomosomo a gagwe otlhe!
3 Mmakeng lona letsatsi le ngwedi;
mmakeng lona dinaledi tsotlhe
tse di phatsimang!
4 Mmakeng lona magodimo
a magodimo
le metsi a a leng
kwa godimo ga magodimo.
5 A di bake leina laMorena;
gonne o laotse, mme tsa tlholega.
6 Mme o di tlhomamiseditse ruri;
o beile molao o di sa ka keng
tsa o tlola.
7 BakangMorena,
lo le mo lefatsheng,
lona dikgwanyape tsa mawatle
le madiba otlhe,
8 le wena molelo le sefako
le semathana le musi
le phefo ya ledimo
le le dirafatsang lefoko la gagwe.
9 Lona dithaba le dithabana tsotlhe;
lona ditlhare tse di ungwang
le mesetere yotlhe;
10 lona diphologolo le diruiwa tsotlhe;
lona dilo tse di gagabang
le lona dinonyane tse di diphuka;
11 lona dikgosi tsa lefatshe
le merafe yotlhe,
lona dikgosana le baatlhodi botlhe
ba lefatshe;
12 lona makau le lona makgarebe,
lona batsofe mmogo le bana –
13 botlhe a ba bake leina laMorena;
gonne leina la gagwe ke lone fela
le le godileng.
Borena jwa gagwe bo mo
lefatsheng le mo legodimong.
14 O godiseditse morafe wa gagwe
lonaka;
ke se se bokwang ke
batlhomogelwa botlhe ba gagwe,
e bong Baiseraele,
morafe o o gaufi nae.
Haleluya!