Sefela sa pako le sa tšhaka ya tlhabano
1 Haleluya! Opelelang
Morenasefela se sešwa
le pako ya gagwe mo phuthegong
ya baratwi!
2 A Iseraele a itumelele
Modiri wa gagwe;
a bana ba Sione ba dudueletse
kgosi ya bona!
3 A ba bake leina la gagwe ka dipina,
ba mo leletse moropa le harepa.
4 GonneMorenao natefelwa
ke batho ba gagwe;
o kgabisa ba ba pelonolo
ka pholoso.
5 A baratwi ba letse megolokwane
ka tlotlo;
ba duduetse ba le mo malaong
a bona,
6 dipôkô tsa Modimo
di le mo melomong ya bona
le tšhaka e e magale mabedi
mo diatleng tsa bona,
7 go dirafatsa pusoloso
mo ditšhabeng
le dipetso mo merafeng
8 go golega dikgosi tsa yona
ka dikeetane
le batlotlegi ba yona
ka mefiri ya tshipi
9 go dirafatsa mo go bona
katlholo e e kwadilweng.
Seo ke tlotlo ya baratwi
ba gagwe.
Haleluya!