DIPESALOME 150

Haleluya!

1 Haleluya!

Bakang Modimo

mo Felong ga ona ga Boitshepo;

o bakeng mo loaping

lwa thata ya ona!

2 O bakeleng ditiro tse dikgolo

tsa ona,

o bakeng ka fa bogolong

jo bo tletseng jwa ona!

3 O bakeng ka tumo ya dinaka;

o bakeng ka harepa le serankure!

4 O bakeng ka moropa

le ka dipina,

o bakeng ka dikwadi tsa dithapo

le ka ditlhaka!

5 O bakeng ka diphaphatshana

tsa motenyane;

o bakeng ka diphaphatshana

tsa moporo!

6 A tsotlhe tse di nang le mowa

di bakeMorena!

Haleluya!