DIPESALOME 17

Thapelo ya go gololwa

1 Thapelo ya ga Dafita.

Morena,

utlwa go rapelela tse di siameng,

o tlhokomele go kua ga me;

reetsa thapelo ya me

e e seng ya molomo wa tsietso.

2 A tse di ntshiametseng

di tswe mo go wena;

a matlho a gago a lebe ka tshiamo.

3 O leka pelo ya me,

o nkeleka mo bosigong,

o a ntlhotlhomisa,

mme ga o fitlhele tse di tlhabisang

ditlhong mo go nna;

le molomo wa me ga o senye.

4 Fa e le ditiro tsa batho,

ke ila ditsela tsa mogateledi

ka fa lefokong la molomo wa gago.

5 Dikgato tsa me di paleletse

mo metlhaleng ya gago;

dinao tsa me

ga di a ka tsa theekela.

6 Ke goela kwa go wena, Modimo;

gonne o a nkutlwa;

ntshekegele tsebe

o reetse polelo ya me.

7 Supa maitshwarelo a gago

ka mokgwa o o gakgamatsang,

wena yo o gololang ba ba ikanyang

letsogo le le jang la gago

mo baganetsing ba bona.

8 Mpoloke jaaka thaka ya leitlho,

o mphemele mo moriting

wa diphuka tsa gago,

9 o mphemele mo baikeping

ba ba nkgatelelang

le mo babeng ba me

ba ba ntikanyetsang go mpolaya.

10 Ba thatafaditse dipelo tsa bona;

ba bua ka melomo ya bona

ka boikgantsho.

11 Ba re dikanyeditse

re ntse re tsamaya;

ba re tlhomile matlho

go re digela fa fatshe.

12 Ba tshwana le tau

e e gakaletseng go gagola,

le tawana e e laletseng

fa e bobileng teng.

13 Nanoga,Morena,

o ba kgatlhantshe,

o ba digele fa fatshe.

Mpholose mo moikeping

ka tšhaka ya gago,

14 le mo banneng ka letsogo la gago,

Morena,

le mo banneng ba lefatshe,

ba kabelo ya bona

e leng mo bophelong jono,

ba o tlatsang dimpa tsa bona

lehumo la gago;

bana ba bona ba a kgora,

letlotlo la bona

ba le tlogelela masea a bona.

15 Mme nna ke

tla leba sefatlhego sa gago

ke le mo tshiamong,

ke tla kgora setshwano sa gago

mogang ke thanyang.