Sefela sa tebogo morago ga phenyo
1 Ya moopedisi.
Pesalome ya ga Dafita, motlhanka waMorena, yo o neng a tlhabelaMorenasefela se, ka sebaka seMorenao neng a mo golola ka sona mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le mo seatleng sa ga Saule.
2 Mme a re:
“Ke go rata ka pelo yotlhe,
Morena, thata ya me.
3 Morenake lefika la me
le phemelo ya me ya kwa thabeng
le mogolodi wa me;
ke Modimo wa me
le lefika la phemelo la me,
le ke tshabelang kwa go lone,
le thebe ya me
le lonaka lwa me lwa pholoso
le kago ya phemelo ya me.
4 E a re fa ke bitsaMorena
yo o bakwang,
ke gololwe mo babeng ba me.
5 Makhubu a loso
a ne a ntikanyeditse,
dinoka tsa tatlhego
di ne di mpoifisa.
6 Dikgole tsa felo ga baswi
di ne di ntsentse gare
le dithapo tsa loso tsa nkwela.
7 E rile ke pitlagantswe,
ka lelelaMoreneng,
ka kuela Modimong wa me;
wa utlwa lentswe la me
o le mo Tempeleng ya ona,
selelo sa me sa tla fa pele ga ona,
sa tsena mo ditsebeng tsa ona.
8 Foo lefatshe la reketla, la roroma,
metheo ya dithaba ya roroma,
ya tshikinyega, ka o ne o galefile.
9 Ga kua musi,
o tswa mo nkong ya ona,
molelo wa tswa
mo molomong wa ona o senya,
magala a tswa mo go ona a tuka.
10 Wa sekamisa legodimo, wa fologa;
lefifi la nna
fa tlase ga dinao tsa ona.
11 O ne o palame Kerubime o fofa;
o kala o le mo diphukeng
tsa phefo.
12 Wa dira lefifi sesiro sa ona,
le lefifi la metsi le maru a a maima
wa di dira motlaagana
o o itikanyeditseng ka ona.
13 Mo kgalalelong e e fa pele ga ona
ga tswa maru a ona
le sefako le magala a molelo.
14 Morenaa dumisa maru
kwa legodimong;
Mogodimodimo a utlwatsa
lentswe la gagwe,
ga nna sefako le magala a molelo;
15 a hula metsu ya gagwe,
a phatlalatsa baba;
a rathisa tladi, a ba tshosa.
16 Mateng a lewatle a bonala,
metheo ya lefatshe ya senoga
ka ntlha ya kgalemo ya gago,
Morena, ka ntlha ya go suma
ga mowa wa nko ya gago.
17 O ne a ntsha letsogo
a le kwa godimo, a ntshwara,
a nkinola mo metsing a magolo.
18 A nkgolola mo babeng ba me
ba ba thata
le mo go ba ba ntlhoileng;
gonne ba ne ba mpheta ka thata.
19 Ba nkwetse
mo letsatsing la tlalelo ya me,
mmeMorena
a nna seitsetsepelo sa me.
20 A nkgogela kwa ntle
mo mafelong a a atlhameng,
a nkgolola,
ka gonne ke a mo kgatlha.
21 Morenao ne a ntuela
ka fa tshiamong ya me,
a mpusetsa ka fa boitshekong
jwa diatla tsa me.
22 Gonne ke tshwere
ditsela tsaMorena,
mme ga ke a ka ka ikepa
mo Modimong wa me.
23 Gonne tsotlhe tse di siameng
fa pele ga ona,
ke ntse ke di tlhokomela,
mme ga ke a ka ka tlosa
melao ya ona fa go nna.
24 Ke ne ke siame fa pele ga ona,
ka itisa gore ke se nne molato.
25 Ka mooMorena
a ntuela ka fa tshiamong ya me
le ka fa boitshekong
jwa diatla tsa me,
jo bo fa pele ga matlho a gagwe.
26 O itshupa o le bopelotlhomogi
mo go yo o tlhomogang pelo;
o itshupa o le tlhamalalo
mo monneng yo o tlhamaletseng.
27 O itshupa o le phepa
mo go yo o phepa,
mme mo molotsaneng
o itshupa o le kgopo.
28 Gonne batho ba ba bogisiwang
o ba direla kgololo;
mme matlho a a mabela
o a a kokobetsa.
29 Ee, o tukisa lobone lwa me;
Morena, Modimo wa me
o sedifatsa lefifi la me.
30 Gonne ke tlhasela lesomo la baba
ka wena;
ke tlola lobota ka Modimo wa me.
31 Tsela ya Modimo oo e itekanetse;
lefoko laMorenale itshekile.
Ke ene thebe ya botlhe
ba ba mo ikanyang.
32 Gonne ke mang yo e leng
Modimo fa e seMorena?
Gape ke mang yo e leng lefika
fa e se Modimo wa rona?
33 Ke ona Modimo
o o ntlamang ka thata,
o o dirang tsela ya me botlalo.
34 O dira dinao tsa me
jaaka tsa tshephe,
o nkemisa mo mafelong a me
a a godimo.
35 O ruta diatla tsa me go tlhabana,
gore mabogo a me
a ba a obe bora jwa kgotlho.
36 O nneile thebe ya pholoso ya gago;
letsogo le le jang la gago
le ntshegeditse;
go ikinamisa ga gago
go ntira mogolo.
37 O atlhamolositse kgato ya me
fa tlase ga me,
malengana a me
ga a a ka a temeka.
38 Ke lelekile baba ba me,
ka ba tshwara,
mme ga ke a ka ka boa
ke ise ke ba nyeletse.
39 Ke ba thubakile,
ba be ba retelelwa ke go tsoga;
ba wetse fa tlase ga dinao tsa me.
40 O ntlamile ka thata go tlhabana;
o dira gore bona ba ba ntsogetseng
ba ikobe fa tlase ga me.
41 Le gona o tshabisitse baba ba me
gore ba nkhularele;
ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa.
42 Ba goela thuso,
mme go se na mothusi ope;
ba tlhaeleletsa kwaMoreneng,
mme a se ka a ba araba.
43 Ke ne ka ba thuga jaaka lerole
fa pele ga phefo,
ka ba gelolela kwa ntle
jaaka seretse sa mmila.
44 O nkgolotse
mo dikganetsanyong tsa batho;
o ntirile tlhogo ya merafe.
Ke diretswe ke setšhaba
se ke neng ke sa se itse.
45 E rile fela fa ba nkutlwela,
ba tla go inkobela;
bomorwa ditšhaba
ba inneela ka go mpoifa.
46 Bomorwa baeng ba a koafala;
ba a tla, ba roroma,
ba tswa mo maiphitlhong a bona.
47 Morenao a phela.
A go bakwe ene lefika la me.
A go godisiwe Modimo
wa pholoso ya me;
48 ona Modimo o o mpusolosetsang
o tsenya batho mo taolong ya me;
49 o nkgolola mo babeng ba me
ba ba bogale.
Wena o nkgodisetsa
ba ba ntsogelang,
o nkgolola
mo monneng yo o setlhogo.
50 Ke ka ntlha ya moo,Morena,
ke ratang go go leboga
mo merafeng
le go opelela leina la gago pako.
51 Wena yo o nayang kgosi
e o e beileng kgololo e kgolo,
boitshwarelo o bo supetsa
motlodiwa wa gago,
e bong Dafita le losika lwa gagwe
go ya bosakhutleng.”