DIPESALOME 2

Tlhabano le phenyo ya ga Mesia

1 Kana merafe e huduelang,

ditšhaba di akanyetsang

dilo tsa boithamako?

2 Dikgosi tsa lefatshe

di a ikemisa le babusi

ba nnela go logisanya maano

a go lwa leMorena

le Motlodiwa wa gagwe ba re:

3 “A re kgaoleng dikgole tsa bone,

megala ya bone re e tlose

mo go rona, re e latlhe!”

4 Ene yo o agileng mo legodimong

o a tshega,

Morena o a ba sotla.

5 Foo o tla bua nabo

ka bogale jwa gagwe,

o tla ba tshosa

ka kgakalo ya gagwe:

6 “Mme nna, kana ke tlhomile kgosi

ya me mo Sione,

mo thabeng ya me e e boitshepo!”

7 Ke rata go bolela

ka ga maikaelelo aMorena.

O ntheile a re: “O morwaake,

ke go tsetse kajeno.

8 Lopa mo go nna,

mme ke tla go naya merafe

go nna boswa jwa gago,

le dikhutlo tsa lefatshe

go nna leruo la gago.

9 O tla ba robaganya

ka thobane ya tshipi;

o tla ba thubaganya

jaaka sejana sa letsopa.”

10 Ka moo he, tlhalefang,

lona dikgosi;

tlhagisiwang,

lona baatlhodi ba lefatshe.

11 DirelangMorenaka poifo,

lo duduetse ka thoromo.

12 Atlang Morwa

gore a se ka a gakala,

mme lwa latlhega mo tseleng.

Gonne bogale jwa gagwe

bo ka akofa jwa tuka.

Go sego bona botlhe

ba ba mo ikanyang.