DIPESALOME 21

Tebogo ya phenyo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena,

kgosi e itumelela thata ya gago,

e dudueletsa thuso ya gago

bogolo jang ne!

3 O e neile

se pelo ya yona e se eletsang;

ga o a ka wa gana kopo

ya molomo wa yona. Sela.

4 Gonne o ne wa e kgatlhantsha

ka ditshegofatso tsa molemo,

wa e rwesa tlhogo

ka serwalo sa gouta e ntlentle.

5 E kopile bophelo mo go wena,

o bo e neile,

botshelo jo boleele ka gale

le ka bosakhutleng.

6 Tlotlo ya yona e kgolo

ka thuso ya gago;

o beile tlotlo le borena mo go yona.

7 Gonne o e beile go nna lesego

le legolo thata ka bosakhutleng,

wa e itumedisa ka boitumelo

fa pele ga gago.

8 Gonne kgosi e ikanyaMorena;

mme ka bopelotlhomogi

jwa Mogodimodimo

ga e kitla e theekela.

9 Letsogo la gago le tla fitlha

kwa babeng botlhe ba gago;

letsogo le le jang

le tla tshwara ba ba go tlhoileng.

10 O tla ba direla

jaaka pesetso ya molelo,

mogang o ipontshang.

Morenao tla ba metsa

mo bogaleng jwa gagwe,

molelo o tla ba nyeletsa.

11 Leungo la bona o tla le nyeletsa,

o le tlosa mo lefatsheng,

le losika lwa bona

mo baneng ba batho.

12 Ba ne ba go gopoletse bosula,

ba go logetse maano,

mme ba sa nonofa go a dirafatsa.

13 O tla ba hularisa ka go lebisa

dithapo tsa bora jwa gago

kwa difatlhegong tsa bona.

14 Morena,

nanoga o bonale ka thata ya gago;

mme re tla opelela

bonatla jwa gago, re bo baka.