Kgosi ya kgalalelo e a tsena
1 Pesalome ya ga Dafita.
Lefatshe ke laMorena
le tsotlhe tse di mo go lone;
lefatshe
le ba ba agileng mo go lone.
2 Gonne o le theile mo mawatleng,
a le tlhomamisa mo dinokeng.
3 Ke mang yo o tla tlhatlogelang
mo thabeng yaMorena?
Ke mang yo o tla emang
mo felong ga gagwe ga boitshepo?
4 Ke ena yo o diatla di phepa,
yo o pelo e itshekileng;
yo o sa lebiseng mowa wa gagwe
kwa boithamakong,
a sa ikanele maaka.
5 Ena yoo o tla amogela tshegofatso
moMoreneng
le tshiamo mo Modimong
wa pholoso ya gagwe.
6 Ke lone losika
lwa ba ba o tlhokomelang,
ba ba batlang sefatlhego sa gago,
Modimo wa ga Jakobe. Sela.
7 Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo;
lona mejako ya bogologolo tala,
itsholetseng gore
Kgosi ya kgalalelo e tsene.
8 Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang?
KeMorenayo o thata,
yo o bonatla,
Morena, senatla mo tlhabanong.
9 Lona dikgoro,
tsholetsang ditlhogo,
ee, itsholetseng,
lona mejako ya bosakhutleng,
gore Kgosi ya kgalalelo e tsene.
10 Mme Kgosi eo ya kgalalelo
ke mang?
KeMorenawa masomosomo –
Ke ena Kgosi ya kgalalelo. Sela.