Thapelo ya go gololwa
1 Pesalome ya ga Dafita.
Ke tlhaeleletsa kwa go wena,
Morena;
se ntidimalele, lefika la me,
e se re gongwe fa o ntidimalela,
ka nna jaaka bona ba ba fologelang
kwa felong ga baswi.
2 Utlwa lentswe
la mekokotlelo ya me,
fa ke goela thuso kwa go wena,
fa ke tsholeletsa mabogo
kwa tengteng ga
Felo-fa-go-Boitshepo ga gago.
3 Se nkgogoreletse le badiradibe
le basiamolodi ba ba buang kagiso
le bangwe-ka-bona,
etswe bosula
bo le mo dipelong tsa bona.
4 Ba nee ka fa ditirong tsa bona
le ka fa bosuleng
jwa ditiro tsa bona;
ba nee ka fa ditirong
tsa diatla tsa bona,
ba busetse se ba se dirileng.
5 E re ka ba sa tlhokomele
ditiro tsaMorena
le e seng tiro ya diatla tsa gagwe,
o tla ba rutla,
mme ga a kitla a ba aga gape.
6 AMorenaa a bakwe;
gonne o utlwile lentswe
la mekokotlelo ya me.
7 Morenake thata ya me
le thebe ya me;
pelo ya me e ne e mo ikanya,
mme ka thusega;
ka moo pelo ya me e a duduetsa,
mme ke mo leboga ka sefela sa me.
8 Morena
ke thata ya morafe wa gagwe
le botshabelo jo bo pholosang
jwa motlodiwa wa gagwe.
9 Thusa batho ba gago,
o tshegofatse boswa jwa gago,
o ba fudise, o bo o ba belege
go ya bosakhutleng.