Kgalalelo ya Modimo, fa maru a duma
1 Pesalome ya ga Dafita.
NayangMorena,
lona bomorwa Modimo,
nayangMorenatlotlo le thata.
2 NayangMorenatlotlo
e e tshwanetseng leina la gagwe;
obamelangMorena
lo kgabile ka tse di boitshepo.
3 Lentswe laMorena
le mo godimo ga metsi;
Modimo wa kgalalelo
o dumisa maru.
Morenao okame metsi a magolo.
4 Lentswe laMorenale thata,
lentswe laMorenale a galalela.
5 Lentswe laMorena
le robaganya ditlhare tsa mesetere.
Ee,Morenao robaganya
mesetere ya Lebanone.
6 O karagantsha Lebanone
jaaka namane
le Sirionejaaka poana ya nare.
7 Lentswe laMorenale a ratha,
le ntshe kgabo ya molelo.
8 Lentswe laMorenale roromisa
sekaka;
Morenao roromisa sekaka
sa Kateše.
9 Lentswe laMorena
le tsadisa ditshephe,
le fotlhe dikgwa,
mme mo Tempeleng ya gagwe
dilo tsotlhe di bua di re:
“Kgalalelo!”
10 Morenao kile a okama
Morwalela wa metsi,
Morenao bile o ntse a dutse jalo
e le kgosi ya bosakhutleng.
11 Morenao tla naya batho ba gagwe
thata,
Morenao tla tshegofatsa
batho ba gagwe ka kagiso.