Sefela sa mo mosong
1 Pesalome ya ga Dafita ya sebaka sa fa a tshaba Abesalomo morwawe.
2 Morena, kana baganetsi ba me
ba atile jang!
Ba bantsi ba ba ntsogelang,
3 ba bantsi ba ba buang ka ga me
ba re:
“Ga a na thuso epe
mo Modimong.” Sela.
4 Mme wena,Morena,
o thebe e e ntshireletsang,
o tlotlo ya me
le motsholetsi wa tlhogo ya me.
5 Ke tlhaeleleditse thata
goMorena, mme a nkutlwa,
a le mo thabeng ya gagwe
e e boitshepo. Sela.
6 Ke ne ka rapama, ka robala;
ka ba ka thanya;
gonneMorenao a nkokotletsa.
7 Ga nkitla ke boifa dikete
tse di masome tsa batho
ba ba ntsogetseng ba ntikanyeditse.
8 Tloga o eme,Morena; mpholose,
Modimo wa me!
Gonne o iteile baba ba me botlhe
mo lotlhaeng,
o robile meno a baikepi.
9 Pholoso e moMoreneng;
tshegofatso ya gago
e okame morafe wa gago. Sela.