Dafita o rapela Modimo gore o betse baikepi
1 Pesalome ya ga Dafita.
Morena,
ganetsa ba ba nkganetsang;
tlhabana
le ba ba tlhabanang le nna.
2 Tsaya thejana le thebe,
mme o nanogele thusong ya me.
3 Somola lerumo
o thibelele babogisi ba me tsela;
raya mowa wa me o re:
“Ke nna pholoso ya gago.”
4 Ba ba batlang go mpolaya,
a ba tlhajwe ke ditlhong,
ba nyatsege;
ba ba logang maano
go ntirela kotsi,
a ba busediwe kwa morago,
ba sosobane.
5 A ba nne jaaka moko mo phefong,
a moengele waMorena
a tle a ba kgophole.
6 A tsela ya bona
e nne lefifi le boreledi,
fa moengele waMorena
a ba leleka.
7 Gonne ba nkaletse letloa la bona
ka bomo mo sephiring,
ba nkepela lemena
kwa ntle ga molato.
8 A tshenyego e mo wele a sa itse;
a letloa le a le adileng sephiring
le tshware ene;
a a wele mo gopong ka esi.
9 Foo mowa wa me
o tla ipela moMoreneng,
o itumelela thuso ya gagwe.
10 Marapo a me otlhe a tla re:
“Morena,
ke mang yo o tshwanang nao,
yo o gololang motlhomolapelo
mo go yo o mo fetang ka thata,
le motho wa batho le mohumanegi
mo go yo o mo thukhuthang?”
11 Go tsoga basupi ba pateletso,
ba mpotsa se ke sa se itseng.
12 Ba ntuela molemo ka bosula;
ke nosi fela.
13 Mme nna, e rile ba lwala,
ka apara kgetse,
ka bogisa mowa wa me
ka go itima dijo;
mme thapelo ya me
e boetse sehubeng sa me.
14 Ke boaboetse jaaka
e kete ke tsala ya me,
e kete ke ngwana wa ga rre;
ke tsamaile ke tlhoname
ka bohutsana jaaka motho
yo o lelelang mmaagwe.
15 Mme koô ya me ba a e itumelela,
ba a phuthega;
basotli le ba ke sa ba itseng
ba a nkgobokanela,
ba a kgoba, ga ba didimale.
16 Le ba e seng ba sepe
ba a sotlasotla,
ba ntšhenela meno.
17 Morena, o tla leba fela
sebaka se se kana kang?
Falodisa mowa wa me
mo ditshenyong tsa bona,
o o osi wa me mo ditawaneng.
18 Ke tla go leboga
mo phuthegong e kgolo,
ke go baka mo bathong ba bantsi.
19 Ba e leng baba ba me,
ba se na lebaka,
a ba se intumelele;
a ba ba ntlhoileng ka bomo fela
ba se getle ka leitlho.
20 Gonne ga ba bue kagiso,
ba akanya mafoko a tsietso
ka ga badidimadi mo lefatsheng.
21 Ba nkatlhamiseditse melomo ba re:
“Ahee, ahee,
matlho a rona a bonye!”
22 Wena Morena o bonye;
o se ka wa didimala;Morena,
o se ka wa nna kgakala le nna.
23 Thanya o nanogele go nkatlholela
mo tshekong ya me,
Modimo wa me le Morena wa me.
24 Nkatlhola ka fa tshiamong ya gago,
Morena, Modimo wa me,
gore ba se itumele ka nna,
25 ba se bue mo dipelong tsa bona
ba re: “Ahee, re rata jalo!”
ba se re: “Re mo meditse.”
26 A ba ba itumelelang tlalelo ya me
ba tlhajwe ke ditlhong,
ba sosobane mmogo.
A ba ba inkgodisetsang
ba apesiwe nyatsego le ditlhong.
27 A ba ba natefelwang
ke tshiamo ya me ba ipele,
ba itumele, ba bue ka gale ba re:
“Morenao mogolo
yo o kgatlhwang ke kagiso
ya motlhanka wa gagwe.”
28 Mme loleme lwa me lo tla bolela
tshiamo ya gago
le pako ya gago letsatsi lotlhe.