DIPESALOME 38

Thapelo mo bolwetseng

1 Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo.

2 Morena,

se nkgalemele ka bogale jwa gago,

se nkwatlhae

mo kgakalong ya gago.

3 Gonne metsu ya gago e ntsepame,

seatla sa gago se nkgateletse.

4 Ga go na boitekanelo bope

mo nameng ya me

ka ntlha ya kgakalo ya gago,

le e seng pholo epe

mo marapong a me

ka ntlha ya boleo jwa me.

5 Gonne ditshiamololo tsa me

di khurumeditse tlhogo ya me;

di nkimela jaaka morwalo

o o bokete.

6 Dintho tsa ka di a nkga,

di tswa boladu

ka ntlha ya bosilo jwa me.

7 Ke koname, ke hutaganye gotlhe;

ke tlhola ke tsamaya ke hutsafetse.

8 Gonne letheka la me

le tletse ditlhabi;

ga go na boitekanelo bope

mo nameng ya me.

9 Ke koafetse, ke tapetegile gotlhe,

ke dumisiwa

ke phegelo ya pelo ya me.

10 Morena, tlhologelelo yotlhe ya ka

e go senogetse;

phegelo ya ka ga e a go fitlhegela.

11 Pelo ya me e a kubakuba,

thata ya me e ntlogetse,

lesedi la matlho a me

le lone ga ke na nalo.

12 Ba ba nthatang le ditsala tsa me

ba emetse petso ya me fa thoko,

le losika lwa me

lo emetse kwa kgakala.

13 Mme ba ba tsomang

bophelo jwa me ba nthaisitse;

ba ba batlang

go ntsenya mo tlalelong

ba rera tatlhego ya ka,

ba ntse ba akanya tsietso

letsatsi lotlhe.

14 Mme nna ke ntse jaaka sesusu,

ga ke utlwe;

ke ntse jaaka semumu

se se sa tsweng molomo.

15 Ee, ke tshwana le monna

yo o sa utlweng,

yo go se nang kganetso

mo molomong wa gagwe.

16 Gonne ke lebeletse wena,

Morenao tla araba, Morena,

Modimo wa me.

17 Kana ke rile:

“A ba ba inkgodisetsang

ba se itumele ka nna,

fa lonao lwa ka lo theekela.”

18 Gonne ke gaufi le go wa;

botlhoko jwa ka

bo ntse bo mpolaya ka gale.

19 Ee, ke ipobola molato wa ka,

ke itshôla ka ntlha ya boleo jwa ka.

20 Mme baba ba me ba tlhaga,

e bile ba thata,

le ba ba ntlhoileng fela ba ntsifetse.

21 Le ba ba ntuelang molemo

ka bosula

ba emelanye le nna,

ka ke latelela se se molemo.

22 O se ka wa ntlogela,Morena;

o se ka wa nna kgakala le nna,

Modimo wa me.

23 A o ko o itlhaganele go nthusa,

Morena, Mopholosi wa ka.