DIPESALOME 40

Go sego motho yo o ikanyang Morena

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Ke lebeletseMorena

ka tlhologelelo;

mme a itshekamisetsa go nna,

a nkutlwa ke goela thuso.

3 A ntshwatola

mo moleteng wa tshenyego,

mo maragarageng a seretse,

a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng,

a tlhomamisa dikgato tsa me.

4 O ntsentse sefela se sešwa

mo molomong,

sefela sa go baka Modimo wa rona.

Bantsi ba a bona, ba a boifa,

ba ikanyaMorena.

5 Go sego monna yo o ikanyang

Morena,

a sa fapogele kwa baikgantshing

le kwa baikeping ba maaka.

6 O re diretse dilo di le dintsi,

Morena, Modimo wa me,

dikgakgamatso tsa gago le

megopolo ya gago;

ga go yo o ka tshwantshiwang

le wena.

Fa nka rata go di itsise

le go di bolela,

go ka feta mo nka balang.

7 Ga o kgatlhwe ke setlhabelo

le tshupelo.

O nthibolotse ditsebe.

Ga o batle setlhabelo sa phiso,

le fa e le sa boleo.

8 Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla,

go kwadilwe ka ga me

mo lokwalong.

9 Ke kgatlhwa ke go dira

tse di go natefelang,

Modimo wa me;

molao wa gago o mo teng ga me.”

10 Ke boletse pholoso ya gago

ka boitumelo

mo phuthegong e kgolo.

Bona, ga nka ke

ka itshwara molomo,

go itse wena,Morena.

11 Ga ke fitlhe tshiamo ya gago

mo teng ga pelo ya me.

Ke bolela boikanyego jwa gago

le pholoso ya gago.

Phuthego e kgolo ga ke e lobele

bopelotlhomogi jwa gago

le boammaaruri jwa gago.

12 WenaMorena,

ga o kitla o ntlhokisa

kutlwelo-botlhoko ya gago.

Bopelotlhomogi jwa gago

le boammaaruri jwa gago

di tla mpoloka ka gale.

13 Gonne masula a a se nang palo

a ntsentse gare;

melato ya me e ntshwere,

ke tshaba go e leba;

e feta dithiri tsa tlhogo ya me,

pelo ya me e ntlogetse.

14 Morena, a o ko o kgatlhwe

ke go nkgolola;

Morena,

a o ko o itlhaganele go nthusa.

15 Botlhe ba ba batlang

bophelo jwa me go bo senya

a ba tlhajwe ke ditlhong,

ba sosobane mmogo.

Ba ba itumelelang tlalelo ya me

a ba kate ka morago,

ba tlhajwe ke kgala.

16 Ba ba nthayang ba re:

“Ahee, ahee!”

a ba rerege

ka ntlha ya ditlhong tsa bona.

17 Botlhe ba ba go batlang

a ba go itumelele, ba ipele;

ba ba ratang pholoso ya gago

a ba bue ka gale ba re:

“Morenao mogolo.”

18 Le fa nna ke le mmogisegi

le mohumanegi,

Morena o tla ntlamela.

Ke wena thuso ya me

le mogolodi wa me.

Modimo wa me, se diege.