DIPESALOME 41

Thapelo mo bolwetseng

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Go sego motho

yo o babalelang yo o kwa tlase;

Morenao tla mo thusa

ka letsatsi la tlalelo.

3 Morenao tla mmoloka,

a mo phedisa;

o tla kaiwa yo o sego

mo lefatsheng;

a ko o se mo neele mo keletsong

ya baba ba gagwe.

4 Morenao tla mo oka

mo diphateng tsa bolwetse;

o fetola bolwetse jotlhe jwa gagwe

mo bolaong.

5 Ke rile:

“Morena, nkutlwele botlhoko;

fodisa mowa wa me;

gonne ke go leofetse.”

6 Baba ba me

ba bua bosula ka ga me ba re:

“O tla swa leng,

leina la gagwe la nyelela?”

7 Mme e a re fa mongwe a tsile

go ntekola, a bue maaka;

pelo ya gagwe e ikgobokanyetse

dilo tse di bosula;

e re a tswela kwa ntle, a di bolele.

8 Botlhe ba ba ntlhoileng

ba sebelana ka ga me,

ba nkeleletsa bosula ba re:

9 “O tshetswe bolwetse

jo bo setlhogo;

mme jaanong yo o namaletseng jalo

ga a nke a tlhola a tsoga.”

10 Tota le monna

yo ke tsalanyeng nae,

yo ke mo ikantseng,

yo o jang dijo tsa me,

o ntsholeleditse serethe.

11 Mme wena,Morena,

a o ko o nkutlwele botlhoko,

o ntsose

gore tseo ke tle ke di ba busetse.

12 Se ke itseng ka sona

gore ke a go kgatlha

ke fa mmaba wa me

a sa ntudueletse.

13 Mme nna o ntshegeditse,

ka ke se na molato,

o nkemisa fa pele ga sefatlhego

sa gago ka bosakhutleng.

14 AMorena, Modimo wa Iseraele,

a bakwe go tswa bosasimologeng

go ya bosakhutleng.

Amen, ee, a go nne jalo!