DIPESALOME 42

Go tlhologelelwa Modimo

1 Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi.

2 Mowa wa me o lelela go wena

Modimo,

jaaka tholo e lelela metsi

a melatswana.

3 Mowa wa me o nyorelwa Modimo,

Modimo o o tshelang.

Ke tla fitlha leng teng

gore ke bonale

fa pele ga sefatlhego sa Modimo?

4 Dikeledi tsa me ke dijo tsa me

bosigo le motshegare,

ka ba tlhola ba nthaya ba re:

“Modimo wa gago o kae?”

5 Dilo tse ke tla nna ke di gopola,

ke tsholola mowa wa me

mo teng ga me,

jaaka ke ne ke tle ke ye

le bontsi jwa batho,

ke ba gogela

kwa Ntlong ya Modimo,

ka lentswe la tuduetso le la tebogo –

lesomo le le itumelelang moletlo.

6 O obegetseng, wena mowa wa me,

o huduegelang mo teng ga me?

Solofela mo Modimong;

gonne ke tla ba ke o lebogela

thuso ya sefatlhego sa ona.

7 Modimo wa me, mowa wa me

o obegile mo teng ga me,

ke gona ka moo ke go gopolang,

ke le mo lefatsheng la Joretane

le mo dithabeng tsa Heremone

le Misare.

8 Morwalela o tlhaeleletsa

morwaleleng ka kgwaso

ya maphothophotho a gago;

makhubu otlhe a gago le

maphothophotho

a nkhurumeditse.

9 MmeMorenao nthomela

boutlwelo-botlhoko jwa gagwe

motshegare,

ke na le sefela sa gagwe bosigo,

e bong thapelo go Modimo

wa bophelo jwa me.

10 Ke rata go botsa Modimo,

lefika la me, ke re:

“O ntebaletseng?

Ke ka ntlha ya eng,

fa ke tsamaya ke hutsafetse

ka go bogisiwa ke mmaba?”

11 Tshotlo ya baganetsi ba me

e ntlhaba

jaaka lerumo mo marapong,

fa ba tlhola ba nthaya ba re:

“Modimo wa gago o kae?”

12 O obegetseng, wena mowa wa me,

o huduegelang mo teng ga me?

Solofela mo Modimong;

gonne ke tla ba ke o leboga,

ka e le ona thuso ya sefatlhego

sa me le Modimo wa me.