Sefela sa nyalo ya kgosi
1 Pesalome ya boora Kora ya thuto e e kwaletsweng moopedisi e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Sefela sa lorato.
2 Pelo ya me e fofoma
ka polelo e e monate.
Ke tlhabela kgosi loboko lwa me;
loleme lwa me ke sekwadi
sa mokwadi yo o bobebe.
3 O montle thata
go gaisa bana ba motho;
natefo e tshetswe
mo melomong ya gago;
ke gona ka moo Modimo o go
tshegofaditseng ka bosakhutleng.
4 Itlame letheka ka tšhaka ya gago,
wena mogale;
e bong ya borena jwa gago
le kgalalelo ya gago.
5 Kgalalelong ya gago o tlhogole,
o bolole go lwela boammaaruri
le boikokobetso le tshiamo;
mme a letsogo le le jang la gago
le go rute ditiro tse di boitshegang.
6 Metsu ya gago e looditswe,
e tlhaba dipelo tsa baba ba kgosi.
Merafe e wela fa tlase ga gago.
7 Sedulo sa bogosi sa gago, Modimo,
ke sa ka gale le sa bosakhutleng.
Thobane ya bogosi jwa gago
ke thobane ya tshiamo.
8 O rata tshiamo,
mme tshiamololo o e tlhoile;
ke gona ka moo, Modimo,
Modimo wa gago
o go tloditseng lookwane
lwa boitumelo
go gaisa balekane ba gago.
9 Diaparo tsotlhe tsa gago
di nkga mera le mokgwapha
le mookana fela,
dipina tsa dikwadi tsa dithapo
di go itumedisa,
di utlwala mo matlong a borena
a dinaka tsa tlou.
10 Bomorwadia dikgosi
ba kgabile mekgabo e mentlentle
ya gago;
mohumagadi o eme
fa letsogong le le jang la gago,
a kgabile ka gouta ya Ofire.
11 Reetsa, morwadiaka, o bone,
o sekege tsebe:
Lebala morafe wa ga eno
le lelapa la ga rraago.
12 Mme fa kgosi e eletsa
bontle jwa gago,
ka e le mong-wa-go, o mo ikobele.
13 Mme bomorwadia Tiro
ba tla batla go go kgatlha ka dineo,
bona ba ba humileng bogolo
mo bathong.
14 Morwadia kgosi yo o mo teng
o tletse kgalalelo fela;
diaparo tsa gagwe di logilwe
ka ditlhale tsa gouta.
15 O isiwa kwa kgosing
a apere diaparo
tsa melogo e e mebalabala;
makgarebe, baetleetsi ba gagwe,
a isiwa kwa go wena.
16 A isiwa ka boitumelo
le meduduetso,
a tsena mo ntlong ya kgosi.
17 Mo boemong jwa borraago
go tla ema bomorwao.
O tla ba tlhoma go nna dikgosana
mo lefatsheng lotlhe.
18 Ke tla itsise leina la gago
mo ditshikatshikeng tsotlhe;
ka moo merafe e tla go galaletsa
ka gale le ka bosakhutleng.