Modimo o tlhatloga ka tuduetso
1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.
2 Lona merafe yotlhe, opang diatla,
dudueletsang Modimo
ka kopelo ya maipelo!
3 GonneMorenaMogodimodimo
o a boitshega;
ke kgosi e kgolo
mo lefatsheng lotlhe.
4 O digela merafe fa tlase ga rona
le ditšhaba fa tlase
ga dinao tsa rona.
5 O re tlhophela boswa jwa rona,
boipelafalelo jwa ga Jakobe
yo a mo ratileng. Sela.
6 Modimo o tlhatloga ka tuduetso,
Morenao tlhatloga
ka tumo ya phala.
7 Opelelang Modimo pako,
o opeleleng;
opelelang kgosi ya rona pako,
opelang!
8 Gonne Modimo
ke kgosi ya lefatshe lotlhe;
opelang sefela se se utlwalang.
9 Modimo o busa merafe;
Modimo o ntse mo sedulong
sa bogosi sa ona se se boitshepo.
10 Batlotlegi ba merafe ba phuthegile,
e bong batho
ba Modimo wa ga Aborahame;
gonne dithebe tsa lefatshe
ke tsa Modimo,
o mogolo bogolo.