DIPESALOME 49

Thata ya loso

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2 Utlwang dilo tse,

lona merafe yotlhe;

reetsang lona lotlhe,

ba lo agileng mo lefatsheng,

3 ba babotlana le ba bagolo,

bahumi le bahumanegi mmogo;

4 molomo wa me o tla bua botlhale,

mme se pelo ya me e se akanyang

ke tlhaloganyo.

5 Ke tla sekegela seane tsebe;

thabalakane ya ka

ke tla e ranola ka harepa.

6 Kana ke tla boifelang

mo malatsing a tlalelo,

fa boikepo jwa basenyetsi ba me

bo ntikanyeditse,

7 jwa bona ba ba ikantseng

letlotlo la bona,

ba belafalela khumo

e kgolo ya bona?

8 Ga go na ope yo o ka rekololang

morwa-rraagwe,

le fa e le go ntshetsa Modimo tefo

e e mo gololang –

9 gonne thekololo ya botshelo

jwa gagwe e kgolo thata,

mme o tla tlhobogela ruri

go e ntsha–

10 gore a phelele ruri

ka bosakhutleng,

a se bone tshenyego.

11 Gonne go bonwa gore batlhalefi

ba a swa;

masilo le ba ba se nang tlhaloganyo

ba nyelela mmogo,

mme khumo ya bona

ba e tlogelela ba sele.

12 Diphupu tsa bona

ke tsone matlo a bona ka gale,

ke maago a bona

go ya tshikatshikeng,

le fa ba ne ba taya mafatshe

maina a bona.

13 Kana motho ga a nnele ruri

mo bontlengtleng;

o tshwana le diphologolo

tse di nyelelang.

14 Ke yona tsela ya ba ba iikanyang

le ya balatedi ba bona

ba ba kgatlhwang ke mafoko

a bona. Sela.

15 Ba fologela kwa felong ga baswi

jaaka dinku tlhabong,

loso ke modisa wa bona;

ba tlhamalalela kwa lebitleng,

popego ya bona

e tla nyelela mo mosong,

felo ga baswi

e tla nna boago jwa bona.

16 Mme nna,

Modimo o tla golola mowa wa me

mo thateng ya felo ga baswi,

gonne o tla ntshola. Sela.

17 O se ka wa boifa,

fa motho a huma,

fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe

e totafala.

18 Gonne e tla re fa a swa,

a se ke a ye le sepe sa tseo tsotlhe;

kgalalelo ya gagwe

ga e nke e mo sala morago.

19 Le fa a ipoka

mo bophelong jwa gagwe

a re o tlhogonolo

– kana batho ba a go boka,

fa o iphelela monate–

20 o tla ya

kwa losikeng lwa borraagwe

ba ba se kitlang ba bona lesedi

ka bosakhutleng.

21 Motho yo o phelang

mo bontlengtleng,

mme a se na tlhaloganyo,

o tshwana le diphologolo

tse di nyelelang.