Tirelo-Modimo ya nnete
1 Pesalome ya ga Asafe.
ModimoMorenayo o thata
o a bua, o bitsa lefatshe
go tswa kwa botlhabatsatsi
go ya kwa bophirimatsatsi.
2 Modimo o tswa ka phatsimo
kwa Sione yo o tletseng bontle.
3 Modimo wa rona o e tla,
mme ga o ka ke wa didimala;
molelo o o nyeletsang
o fa pele ga ona,
mo tikologong ya ona
go suma phefo e kgolo.
4 O tlhaeleletsa kwa legodimong
kwa godimo
le kwa lefatsheng
go sekisa morafe wa ona wa re:
5 “Mphuthelang baratwa ba me
ba ba dirileng kgolagano le nna
ka setlhabelo.”
6 Magodimo a bolela tshiamo ya ona;
gonne Modimo ke ona
o o atlholang. Sela.
7 “Reetsang, batho ba me,
ke rata go bua, Iseraele;
ke tle ke supe ke go tiisetse gore
ke nna Modimo,
Modimo wa gago.
8 Ga ke go kgalemele
ka ntlha ya ditlhabelo tsa gago;
kana ditlhabelo tsa phiso tsa gago
di ntse di le fa pele ga me ka gale.
9 Ga go batlege gore ke tsee poo
mo sakeng la gago,
le e seng diphoko
kwa morakeng wa gago.
10 Gonne diphologolo tsotlhe
tsa sekgwa ke tsa me,
le ditshedi kwa dithabeng
ka dikete.
11 Ke itse dinonyane tsotlhe tsa loapi
le tse di phelang mo nageng:
Ke tsa me.
12 Fa nka tshwarwa ke tlala,
ga nka ke ka go kopa;
gonne lefatshe lotlhe ke la me
le tse di tletseng mo go lone.
13 A ke ja nama ya dipoo,
a ke nwa madi a diphoko?
14 Ntshetsa Modimo setlhabelo
sa tebogo ya pelo,
o dirafatse maikano a o a
ikanetseng Mogodimodimo.
15 O mpitse ka letsatsi la tlalelo;
ke tla go namolela,
mme o tla nkgalaletsa.”
16 Mme moikepi ena,
Modimo o mo raya o re:
“O balelang melao ya me
le go bua kgolagano ya me
ka molomo wa gago,
17 etswe o tlhoile kwatlhao,
mme mafoko a me
o a latlhela kwa morago ga gago?
18 Fa o bona legodu,
o kgatlhwe ke go nna nalo,
mme o tlhakanela boleo
le baakafadi.
19 Molomo wa gago ò o letlelela
go bua bosula,
loleme lwa gago
lo loga maano a tsietso.
20 O nnetse go seba morwa-rraago;
o pateletsa ngwana wa ga mmaago.
21 Dilo tse o di dirile,
mme ka didimala.
Wa ithaya wa re,
ke tshwana fela le wena;
ke tla go supetsa,
ke di baya fa pele ga matlho a gago.
22 Tlhokomelang tlhe dilo tseo,
lona ba lo lebalang Modimo,
gore ke se ka ka gagoganya,
mme ga tlhokwa yo o pholosang.
23 Yo o ntshang setlhabelo
sa tebogo ya pelo o a ntlotla;
yo o tlhokomelang tsela
ke tla mo naya gore a bone
pholoso ya Modimo.”