Thapelo ya boikwatlhao jwa ga Dafita
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi,
2 jale fa moporofeti Nathane a tla kwa go ene, Dafita a sena go tsena kwa go Batsheba.
3 Modimo, intshwarele
ka fa bopelotlhomoging jwa gago,
o phimole ditlolo tsa me
ka fa boutlwelong-botlhoko
jo bogolo jwa gago.
4 Ntlhapise sentle,
o tlose tshiamololo ya me,
o intshekise boleo.
5 Gonne ditlolo tsa me ke a di itse,
boleo jwa me
bo fa pele ga me ka gale.
6 Ke wena o le nosi fela
yo ke go leofetseng,
ka dira se mo matlhong a gago
se leng bosula,
gore e re fa o bua,
o fitlhelwe o siame,
mme o le phepa, fa o atlhola.
7 Bona,
ke tsaletswe mo tshiamololong,
mme mmê o nkamogetse
mo boleong.
8 Bona, o natefelwa ke boammaaruri
jwa pelo,
o nkitsise botlhale
mo go sa itsiweng.
9 Ntlose boleo ka mosiama
gore ke itsheke;
ntlhapise gore ke nne mosweu
go gaisa semathana.
10 Nkutlwise boitumelo le thabo;
a marapo a o a robileng
a duduetse.
11 Fitlhela maleo a me
sefatlhego sa gago;
o phimole ditshiamololo tsa me
tsotlhe.
12 Modimo,
mpopele pelo e e itshekileng,
o ntšhwafatse mowa
o o tlhomameng mo teng ga me.
13 O se ka wa ntatlha
fa pele ga sefatlhego sa gago;
se tlose Mowa o o Boitshepo
wa gago mo go nna.
14 Mpusetse boitumelo
jwa pholoso ya gago,
o ntshegetse ka mowa
o o phuthologileng.
15 Batlodi ke tla ba ruta
ditsela tsa gago
gore baleofi ba sokologele
kwa go wena.
16 Modimo, nkgolola mo molatong
wa go tsholola madi,
Modimo wa pholoso ya me,
mme loleme lwa me lo tla
dudueletsa tshiamo ya gago.
17 Morena, bula molomo wa me
gore o bolele tumiso ya gago.
18 Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo
– nka bo ke se ntsha –
ga o kgatlhwe ke setlhabelo
sa phiso.
19 Ditlhabelo tsa Modimo
ke mowa o o kgobegileng.
Wena Modimo,
ga o kitla o nyatsa pelo
e e kgobegileng, e e phatlogileng.
20 Direla Sione molemo
ka fa natefelong ya gago;
aga dipota tsa Jerusalema.
21 Foo o tla natefelwa
ke ditlhabelo tsa tshiamo,
e leng tsa phiso
le tse di fisiwang gotlhe.
Foo ba tla tlhabela dipoo
mo aletareng ya gago.