Go latlhega loleme lwa tsietso
1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi,
2 jale fa Doege wa Moetomo a tla go Saule, a mmolelela a re: “Dafita o tsenye mo ntlong ya ga Ahimelege.”
3 O ipokelang ka bosula,
seganka ke wena?
Bopelotlhomogi jwa Modimo
bo nnetse ruri.
4 Motsietsi ke wena,
loleme lwa gago
lo loga maano a tshenyo,
jaaka logare lo lo looditsweng.
5 O rata bosula bogolo go molemo;
o rata maaka bogolo go
boammaaruri. Sela.
6 O kgatlhwa fela ke mafoko
a a senyang,
loleme lwa tsietso ke wena.
7 Ka moo, Modimo o tla go digela
ruri, o go tshwara,
o go swatola mo tenteng ya gago;
o tla go kumola ka medi
mo lefatsheng la baphedi. Sela.
8 Basiami ba tla bona, ba boifa;
mme ba tla mo tshega ba re:
9 “Bonang, monna su,
yo o sa dirang Modimo botshabelo
jwa gagwe,
mme o ikantse bogolo jwa khumo
ya gagwe,
a ithatafatsa ka bopelotshetlha
jwa gagwe.”
10 Mme nna ke tshwana le motlhware
o motalatala
mo Ntlong ya Modimo.
Ke ikantse bopelotlhomogi
jwa Modimo
ka gale le ka bosakhutleng.
11 Ke tla go baka ka gale,
ka o dirile jalo;
ke tla lebelela leina la gago;
gonne le molemo
fa pele ga barategi ba gago.