Go tshabela kwa sekakeng
1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo.
2 Modimo, reetsa thapelo ya me,
mme o se ka wa iphitlhela
mekokotlelo ya me.
3 Ntlhokomele o nkarabe.
Ke kgarakgatshega
ka tshwenyego ya me,
ke ntse ke duma
4 ka ntlha ya tlhodio ya mmaba,
ka ntlha ya kgatelelo ya moikepi;
gonne ba ntigela mo tatlhegong,
ba lwa le nna ba gaketse.
5 Pelo ya me e hutagana
mo teng ga me,
dipoitshego tsa loso di nkwetse.
6 Poifo le thoromo di a ntshwara,
letshogo le nkhurumeditse.
7 Mme ke ne ka re:
“E kete nka bo ke na le diphuka
jaaka lephoi,
ke ne ke tla fofa,
ke ya go nna go sele.
8 Bonang,
ke ne ke tla tshabela kwa kgakala,
ke nna teng kwa sekakeng. Sela.
9 Ke ne ke tla akofa
ke batla botshabelo;
ke tshaba phefo ya matsubutsubu,
ke tshaba ledimo.”
10 Morena, raraanya dipuo tsa bona,
o di tlhakatlhakanye;
gonne ke bona tshiamololo
le kganetsanyo mo motseng.
11 Bosigo le motshegare ba o potologa
ba le mo dipoteng tsa ona,
mme mo teng ga ona
go tletse boikepo le tapisego.
12 Tshiamololo e mo go ona;
mme patiko le tsietso ga di tloge
mo patlelong ya ona.
13 Kana ga se mmaba
yo o ntshotlang,
– nka bo ke itshoka –
ga se yo o ntlhoileng,
yo o inkgodisetsang,
nka bo ke mo iphitlhela.
14 Mme ke wena, motho-ka-nna,
tsala ya ka le moikanngwi wa ka,
15 ba re neng re utlwana sentle,
re ya kwa Ntlong ya Modimo
le masomosomo a batho.
16 A ba welwe ke loso;
a ba fologele kwa felong ga baswi
ba ntse ba tshela;
gonne bosula
bo mo maagong a bona,
mo teng ga bona.
17 Mme nna ke bitsa Modimo,
mmeMorenao tla nthusa.
18 Ke tla lela, ke fegelwa maitsiboa
le mo mosong le motshegare,
mme o tla utlwa lentswe la me.
19 O golola mowa wa me ka kagiso
mo tlhabanong e e ntlhasetseng;
gonne ba ntikile ka bontsi.
20 Modimo o o sa leng
o nna bogologolo
mo sedulong sa bogosi o tla utlwa,
o ba kokobetsa,
ka go se na tlhabologo mo go bona,
ba sa boife Modimo. Sela.
21 Mme o ntsheditseba neng
ba agisantse nae diatla,
a senya kgolagano ya gagwe.
22 Mafoko a molomo wa gagwe
a borethe jaaka sereledi,
pelo ya gagwe ke ntwa;
dipolelo tsa gagwe
di boleta go gaisa lookwane;
etswe e le ditšhaka
tse di somotsweng.
23 Latlhela tshwenyego ya gago
moMoreneng,
mme o tla go tlamela;
ga a kitla a leseletsa mosiami
ka gope go theekela.
24 Mme Modimo,
wena o tla ba digela mo bodibeng
jwa tshenyego.
Banna ba polao le tsietso
ga ba ne ba fitlha
fa gare ga dinyaga tsa bona.
Mme nna ke ikanya wena.