DIPESALOME 57

Pelo ya me e a itapolosa

1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, jale fa a tshaba Saule, a tshabela kwa logageng.

2 Nkutlwele botlhoko, Modimo,

o nkutlwele botlhoko;

gonne mowa wa me o batlile

botshabelo mo go wena;

ke tla batla botshabelo mo moriting

wa diphuka tsa gago,

go ya madimabe a be a fete.

3 Ke bitsa Modimo,

Mogodimodimo,

Modimo o o nkhutlisetsang dilo

tsotlhe.

4 O tla roma o le kwa legodimong,

o mpholosa,

fa yo o mpeteletseng a ntshotla.

Sela.

Modimo o tla roma

bopelotlhomogi jwa ona

le boammaaruri jwa ona.

5 Ke na le go lala mo gare ga ditau,

e bong batho ba ba tukang bogale,

ba meno a bona e leng marumo

le metsu,

ba diteme tsa bona e leng ditšhaka

tse di bogale.

6 Modimo, itsholeletse godimo ga

magodimo;

a kgalalelo ya gago e okame

lefatshe lotlhe.

7 Ba thaisitse dikgato tsa me

ka letloa,

ba obile mowa wa me;

ba epile lemena fa pele ga me,

ba wetse mo go lone. Sela.

8 Pelo ya me e gomotsegile,

Modimo,

pelo ya me e gomotsegile.

Ke tla opela, ke letsa.

9 Thanya, tlotlo ya me!

Tsogang, harepa le kitara!

Ke rata go tsosa mahube a moso.

10 Ke tla go baka mo merafeng,

Morena, ke go opelela

mo ditšhabeng.

11 Gonne bopelontle jwa gago

bo bogolo,

bo fitlha kwa magodimong,

le boammaaruri jwa gago

bo fitlha kwa marung.

12 Modimo, itsholeletse

godimo ga magodimo,

a kgalalelo ya gago

e okame lefatshe lotlhe.