DIPESALOME 6

Thapelo ya boikwatlhao mo pitlaganong e kgolo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo, e na le kodu ya moporo.

2 Morena,

se mpetse ka bogale jwa gago,

se nkwatlhae o gaketse.

3 Morena, intshwarele:

gonne ke swabile.

Morena, mphodise;

gonne ke remegile marapo,

4 mowa wa me le ona

o reregile thata;

mme wena,Morena,

o tla nna goleele go le kae?

5 BoaMorena,

o pholose botshelo jwa me,

o nthuse ka ntlha

ya bopelotlhomogi jwa gago.

6 Gonne mo losong ga o gopolwe;

ke mang yo o tla go lebogang

kwa felong ga baswi?

7 Ke lapile ka go fegelwa ga me,

ke edisa bolao jwa me

bosigo bongwe le bongwe,

ke kolobisa phate ya me

ka dikeledi tsa me.

8 Leitlho la me

le fifaditswe ke bohutsana,

le onetse ka ntlha ya baganetsi

botlhe ba me.

9 Ntlogeleng lona lotlhe

badiratshiamololo;

gonneMorenao utlwile

lentswe la selelo sa me.

10 Morenao utlwile

mekokotlelo ya me,

Morenao amogela thapelo ya me.

11 Baba ba me botlhe

ba tla tlhajwa ke ditlhong,

ba tshoga thata;

ba tla boela kwa morago,

ba tlhajwa ke ditlhong

ka tshoganyetso.