Petso ya baba ba mosiami
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
2 Modimo, utlwa lentswe la me,
fa ke lela;
boloka bophelo jwa me,
fa ke tshosiwa ke mmaba.
3 Mphitlhe ke fitlhegele maikaelelo
a basulatsi le pheretlhego
ya badiratshiamololo;
4 ba ba looditseng diteme tsa bona
jaaka ditšhaka
ba supile ka metsu ya bona,
e bong mafoko a a galakang,
5 go hula mosiami ba mo laletse,
ba mo hula ka tshoganyetso,
ba sa boife.
6 Ba ikaeletse go dirafatsa maano
a a bosula,
ba bolela go thaisa ka mitlwane
e e subilweng ba re:
“Go tla bona mang?”
7 Ba akanya boikepo ba re:
“Re sweditse,
re logile maano a mantle.”
Mogopolo wa motho o botengteng,
le pelo ke lengôpe.
8 Mme Modimo o tla ba hula
ka motsu;
dipetso tsa bona di tla tla
ka tshoganyetso.
9 Ba tla digwa ke diteme tsa bona;
botlhe ba ba ba lebileng
ba thukhutha ditlhogo.
10 Mme batho botlhe ba tla boifa,
ba bolela tiro ya Modimo,
ba tlhokomela se o se dirang.
11 Mosiami o tla itumela
moMoreneng,
a batla botshabelo fa go ena;
mme botlhe ba ba dipelo
di tlhamaletseng
ba tla itumisa kaMorena.