Sefela sa go baka molemo wa Modimo
1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi.
2 Modimo, o tshwanetswe ke sefela
sa pako mo Sione,
maikano o tla a direlwa.
3 Wena yo o utlwang thapelo,
batho botlhe ba tla tla go wena.
4 Dilo tse di molato di mpaletse.
Ditlolo tsa rona
wena o tla di ruanya.
5 Go sego ena yo ò mo itlhaolelang,
ò mo ikatametsa,
gore a age mo malapeng a gago.
Re tla kgora molemo
wa Ntlo ya gago,
le boitshepo jwa Tempele ya gago.
6 O re araba ka tshiamo
ka dilo tse di boitshegang,
wena Modimo wa pholoso ya rona
o o ikanngwang
ke dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
le dintshi tse di kgakala.
7 O thatafatsa dithaba
ka thata ya gago,
o itlamile ka nonofo.
8 O didimatsa kgwaso ya mawatle,
kgwaso ya makhubu a ona,
le khuduo ya merafe,
9 gore ba ba agileng kwa dikhutlong
tsa lefatshe
ba boife ditshupo tsa gago;
mafatshe a botlhabatsatsi
le bophirimatsatsi
o a tlatsa tuduetso.
10 O lekotse lefatshe, wa le fa letlotlo,
o le humisa thata;
noka ya Modimo e tletse metsi.
O ba baakanyetsa mabele;
gonne o e baakanya jalo.
11 O nosa ditemo tsa lone,
o thuba makwete a lone,
o le kolobisa ka medupe,
o tshegofatsa go tlhoga ga dijwalo
tsa lone.
12 O rwesa ngwaga
ka molemo wa gago,
ditselana tsa gago di rotha monono.
13 Mafulo a naga a a tshutshuma;
dithota di itlamile ka tuduetso.
14 Mafulo a apesitswe ka matsomane;
mekgatsha e khurumeditswe
ka mabele;
di duduetsa tsotlhe, di a opela.