DIPESALOME 67

Sefela sa go lebogela thobo

1 Pesalome. Sefela se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwa ka kwadi ya dithapo.

2 A Modimo o nne boitshwarelo

le rona,

o re tshegofatse;

a o re phatsimisetse sefatlhego

sa ona, Sela,

3 gore tsela ya gago e lemogiwe

mo lefatsheng,

le pholoso ya gago

mo ditšhabeng tsotlhe.

4 Merafe e tla go baka, Modimo,

ditšhaba tsotlhe di tla go baka.

5 Merafe e tla itumela, e ipela,

ka gonne o atlhola ditšhaba

ka tshiamo,

ò goga merafe mo lefatsheng. Sela.

6 Merafe e tla go leboga, Modimo,

ditšhaba tsotlhe di tla go leboga.

7 Lefatshe le ntshitse thobo ya lone.

Modimo, e bong Modimo wa rona,

o tla re tshegofatsa.

8 Modimo o tla re tshegofatsa,

mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

di tla o boifa.