Ntshiamisetse
1 Sefela sa ga Dafita se o se opeletsengMorenaka ntlha ya mafoko a ga Khuše wa Mobenyamene.
2 Morena, Modimo wa me,
ke tshabela kwa go wena;
nkgolola mo bapatiking botlhe
ba me, o mpholose,
3 e se re gongwe ba nkgagola
jaaka tau,
ba mphamola
go se ope yo o gololang.
4 Morena, Modimo wa me,
fa ke dirile jalo,
fa go na le tshiamololo
mo diatleng tsa me,
5 fa ene yo o nang a na le kagiso
le nna
ke mo diretse bosula;
fa ke senyeditse ene yo o neng
a le moganetsi wa me ka bomo;
6 fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke,
a ntshware,
a gatakele bophelo jwa me
mo mmung,
tlotlo ya me a e latse mo leroleng.
Sela.
7 Morena,
tloga o eme mo bogaleng jwa gago,
bololela baganetsi ba me
ba ba nkgakaletseng,
o tsoge ka ntlha ya me,
wena yo o laotseng katlholo.
8 A phuthego ya merafe
e go dikanyeletse,
o boele kwa godimo, o ba okame.
9 Morena, o atlhola merafe.
Morena, ntshiamisetse
ka fa tshiamong ya me
le ka fa ke se nang molato ka teng.
10 Dira gore boikepo jwa baikepi
bo khutle!
Tlhomamisa mosiami,
wena yo o lekang dipelo le diphilo,
wena Modimo o o siameng.
11 Thebe ya me e mo Modimong
o o thusang
ba ba dipelo di boammaaruri.
12 Modimo ke moatlhodi
yo o siameng,
e bile ke Modimo o o galefang
ka letsatsi le letsatsi.
13 Fa motho a sa sokologe,
o lootsa tšhaka ya ona,
o gagamatsa bora jwa ona,
o supa ka jona;
14 o mmaakanyeditse dibolai tsa loso,
o dira metsu ya ona
go nna e e tukang.
15 Bonang, motho yoo
o nna moimana ka boikepo,
o ithwele tshiamololo,
o tsala maaka.
16 O epile lemena, a le gaba;
mme o wetse mo gopong
e o e dirileng.
17 Tshenyo ya gagwe
e boela tlhogong ya gagwe,
le go thubaka ga gagwe
go wela mo phogong ya gagwe.
18 Ke tla bakaMorena
ka ntlha ya tshiamo ya gagwe,
ke opelela leina laMorena
Mogodimodimo.