Sefela sa tlhomamiso ya kgosi
1 Pesalome ya ga Salomo.
Modimo,
naya kgosi melao ya gago;
morwa kgosi
o mo nee tshiamo ya gago
2 gore a atlhole batho ba gago
ka tshiamo,
le batlalelwi ba gago ka molao.
3 A dithaba di ungwele batho kagiso,
le dithabana di ba ungwele
tshiamo.
4 O tla siamisetsa
batlalelwi ba morafe,
a pholosa bana ba bahumanegi,
a tšhwetlakanya mogateledi.
5 O tla phela sebaka
se se kana ka letsatsi le tlhabile
le ngwedi o ise o phirime
go ya tshikatshikeng.
6 O tla fologa jaka pula mo pilong,
jaaka medupe e e nosang lefatshe.
7 Mo malatsing a gagwe
tshiamo e tla tlhoga,
kagiso e kgolo e tla nna teng go
fitlhelela ngwedi o sa tlhole o le yo.
8 O tla busa go tswa lewatleng
go ya go le lengwe,
le go tswa Nokeng
go ya mafelelong a lefatshe.
9 Ba ba agileng mo dikakeng
ba tla khubama fa pele ga gagwe,
baba ba gagwe ba tla latswa lerole.
10 Dikgosi tsa Tharesise le tsa
ditlhakenyana di tla tsisa dimpho;
dikgosi tsa Šeba le Seba
di tla ntsha lekgetho.
11 Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela,
ditšhaba tsotlhe di tla mo direla.
12 Gonne o tla golola mohumanegi
yo o goelang thuso
le mmogisegi
le yo o se nang mothusi.
13 O tla utlwela yo mmotlana
le motlhoki botlhoko,
a pholosa mewa ya bahumanegi.
14 O tla golola maphelo a bona
mo patikegong le mo kgatelelong;
madi a bona e tla nna a botlhokwa
mo matlhong a gagwe.
15 A kgosi e phele, mme ba e nee
tsa gouta ya Šeba,
ba e rapelele ka gale,
ba e tshegofatse ka metlha.
16 A go nne letlotlo la mabele
mo lefatsheng,
a go sume
kwa ditlhoeng tsa dithaba;
a leungo la lone
le tshwane le Lebanone;
a batho ba motse ba rune
jaaka morogo wa lefatshe.
17 A leina la yona le nnele ruri.
A leina la yona le tlhoge
letsatsi le ntse le le teng;
a ditšhaba tsotlhe
di tshegofadiwe ka yona,
a di e boke di re:
Kgosi e tlhogonolo.
18 A go bokweMorena, Modimo,
Modimo wa Iseraele,
o e leng ona fela o o dirang
dikgakgamatso.
19 Mme a leina la ona le le galalelang
le bakwe ka bosakhutleng;
a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo
ya ona,
Amen, ee, a go nne jalo!
20 Fano go fela dithapelo tsa ga
Dafita, morwa Isai.