DIPESALOME 73

Tsamaiso e e gakgamatsang ya Modimo

1 Pesalome ya ga Asafe.

Ruri, Modimo o molemo

mo go Iseraele,

mo go bona ba ba dipelo di phepa.

2 Mme nna, dinao tsa

me di batlile go kgotšwa,

dikgato tsa me di batlile go relela.

3 Ke ne ke fufegela baikgantshi

ka go bona letlhogonolo la baikepi.

4 Gonne ga ba na matlhoko;

mebele ya bona e itekanetse,

e nonne.

5 Ga ba mo tapisegong

ya batho ba bangwe;

ga ba tshwenyege

jaaka batho ba bangwe.

6 Ke gona ka moo

mokgabo wa molala wa bona

e leng boikgodiso;

bosetlhogo ba bo apere jaaka kobo.

7 Matlho a bona

a rotogile ka monono;

maano a dipelo tsa bona

a a tswelela.

8 Ba a sotla,

ba bua patiko ka boikepo;

ba bua ka boikgodiso.

9 Ba bua tse di kgatlhanong

le tsa legodimo;

diteme tsa bona

di itaola mo lefatsheng.

10 Ke ka moo batho

ba sokologelang kwa go bona,

ba gope metsi a thuto ya bona

ka botlalo.

11 Ba re: “Modimo o ka itse jang,

a ruri go na le kitso

mo Mogodimodimong?”

12 Bonang, baikepi ba ntse jalo;

ee, ba godisa khumo ya bona

ba ntse ba iketlile.

13 Ruri, ke lefelafela

fa ke ntse ke phepafatsa

pelo ya me,

ke tlhapa diatla ka bosenamolato.

14 Gonne ke tlhola ke tshwenngwa

ka metlha,

ke watlhaiwa

moso mongwe le mongwe.

15 Fa nka bo ke rile,

ke tla bolela jaaka bona,

nka bo ke diretse losika lwa bana

ba gago ka boikanyologo.

16 Foo ke ne ka akanya gore

ke tlhaloganye selo se,

ke fitlhela e le matsapa fela,

17 ga tsamaya ka tsenelela

ditsamaisong

tse di boitshepo tsa Modimo,

ka lemoga bokhutlo jwa bona.

18 Ruri, o ba baya mo mareleding;

o ba leseletsa

go wela mo tshenyegong.

19 Kana ba fetoga theregiso

ka tshoganyetso;

ba fele, ba nyelele ka poitshego!

20 WenaMorena,

o nyatsa setshwano sa bona,

fa o tsoga, jaaka toro e nyatsega,

fa motho a sena go thanya.

21 E rile pelo ya me

e ntse e galakegile

mme ke tlhabegile mo diphilong,

22 ka bo ke le lesilo, ke sa itse sepe,

ke le jaaka phologolo fela

fa pele ga gago.

23 Mme nna ke ntse ke na nao;

o ntshwere letsogo le le jang.

24 O tla nkgoga ka kgakololo ya gago,

mme morago ga moo

o tla nkamogela kwa kgalalelong.

25 Ke na le mang kwa legodimong,

fa e se wena?

Fa ke na nao, ga ke kgatlhwe

ke sepe mo lefatsheng.

26 Le fa nama ya me le pelo ya me

di ka nyelela,

Modimo ke lefika la pelo ya me,

le kabelo ya me ka bosakhutleng.

27 Gonne bona,

ba ba ikgaoganyang le wena

ba tla latlhega;

o nyeletsa botlhe ba ba akafalang

ka go ikepa mo go wena.

28 Mme fa e le nna, ke itumela

go nna gaufi le Modimo.

Wena Morena Modimo

o botshabelo jwa me.

Ke tla bolela

ditiro tsotlhe tsa gago.