Moatlhodi wa lefatshe yo o nang le senwelo sa bogale
1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”.
2 Re a go leboga, Modimo,
re a leboga.
Re bitsa leina la gago,
re bolela dikgakgamatso tsa gago.
3 “Fa nako ya me e tsile,
ke atlhola ka tshiamo.
4 Le fa lefatshe le ka tshikinyega
le botlhe ba ba agileng mo go lone,
nna ke tlhomamisitse
maotwana a lone. Sela.
5 Ke reile masilo ka re:
‘Se nneng bosilo,’
le baikepi ka re:
‘Se tsholetseng lonaka.
6 Se tsholeletseng lonaka lwa lona
kwa godimo;
se bueng tsa matepe,
lo gagamaditse melala.’ ”
7 Gonne katlholo
ga e tswe kwa botlhabatsatsi
le e seng kwa bophirimatsatsi
le e seng kwa sekakeng sa dithaba,
8 mme moatlhodi ke Modimo,
o kokobetsa yo, o godisa yole.
9 Gonne mo seatleng saMorena
go senwelo sa weine e e fufulang,
e tletse ditswaiso,
mme o nosa ka sona;
ee, baikepi botlhe ba lefatshe
ba tla gôpa magorugoru a sona,
ba a nwa.
10 Mme nna ke tla bolela
ka bosakhutleng,
ke opelela Modimo wa ga Jakobe
o o rileng:
11 “Ke tla kgaola dinaka tsotlhe
tsa baikepi;
dinaka tsa basiami tsona
di tla tsholediwa.”