Tirafalo ya Baiseraele ke tlhagiso ya rona
1 Sefela sa thuto sa ga Asafe.
Lona batho ba me,
reetsang thuto ya me,
sekegelang mafoko
a molomo wa me ditsebe.
2 Ke tla tswa molomo,
ke bolela seane,
ke ntsha dinyepo tsa bogologolo.
3 Tse re di utlwetseng, ra di itse,
tse borraetsho ba di re boleletseng,
4 ga re ka ke ra di lobela
bana ba bona;
re tla bolelela losika lo lo tlang
ditiro tsa pako tsaMorena,
le thata ya gagwe,
le dikgakgamatso tse a di dirileng.
5 Gonne o tlhomile tshupo
mo go Jakobe,
a baya molao mo go Iseraele
o a o laetseng borraetsho
gore ba o itsise bana ba bona,
6 gore losika lo lo tlang lo o itse,
e bong bana ba ba tla tsalwang,
gore ba tle ba o bolelele
bana ba bona,
7 le gore ba ikanye Modimo,
mme ba se lebale
ditiro tsa Modimo,
mme ba tshegetse ditaolo tsa ona
8 gore ba se nne jaaka borraabo
ba e neng e le losika lo lo
tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi,
losika lo lo tlhokang
pelo ya tlhomamo le mowa
o o lebileng Modimo ka boikanyo.
9 Baeferaime ba ba neng
ba ipaakantse go hula ka bora,
ba menoga, ba tshaba ka letsatsi la tlhabano.
10 Ga ba a ka ba tlhokomela
kgolagano ya Modimo,
ba bile ba ganne go tsamaya
ka fa molaong wa ona;
11 ba lebala ditiro tsa ona
le dikgakgamatso
tse o di ba bontshitseng.
12 O dirile dikgakgamatso
fa pele ga borraabo
kwa lefatsheng la Egepeto,
mo nageng ya Soane.
13 O kgaogantse lewatle,
wa ba tshedisa;
wa emisa metsi jaaka lobota.
14 Motshegare o ne wa ba goga
ka leru,
mme bosigo jotlhe
ka lesedi la molelo.
15 O phatlotse mafika mo sekakeng,
wa ba nosa ka botlalo
jaaka ka merwalela.
16 O ne wa ntsha dinokana
mo lefikeng,
wa eledisa metsi jaaka dinoka.
17 Mme ba fela ba tswelela pele
go o leofela,
ba rukhutlhegela Mogodimodimo
kwa nageng e e omileng.
18 Ba leka Modimo
mo dipelong tsa bona
ka go lopa dijo
ka fa kgatlhegong ya bona.
19 Ba bua kgatlhanong le Modimo
ba re:
“A Modimo o ka baakanya bojelo
mo sekakeng?
20 Ee, o iteile lefika, metsi a ba a ela,
dinokana tsa phothosela.
Mme a senkgwe le sona
o ka se ntsha,
gongwe wa naya batho ba ona
nama?”
21 Ke gona e rilengMorenaa utlwa,
a tuka bogale;
molelo wa tukela Jakobe, ee,
bogale jwa tsogela Iseraele,
22 ka ba se ka ba dumela Modimo,
le e seng go ikanya thuso ya ona.
23 Jaanong wa laela maru
kwa godimo,
wa bula mejako ya legodimo.
24 Wa ba nesetsa Mmana go o ja,
wa ba naya mabele a legodimo.
25 Ba ja sejo sa baengele,
wa ba romela mfago, ba kgora.
26 O ne wa fokisa phefo
ya botlhabatsatsi kwa legodimong,
wa phunya phefo ya borwa
ka thata ya ona.
27 Wa ba nesetsa nama jaaka lerole
le dinonyane tse di diphuka
jaaka motlhaba wa lewatle.
28 Wa di digela mo bothibelelong
jwa bona
tikologong ya maago a bona.
29 Foo ba ja, ba kgora thata;
wa ba tsisetsa
tse ba neng ba di eleditse.
30 E rile ba ise ba bakele
keletso ya bona,
nama e sa ntse e le mo maganong
a bona,
31 bogale jwa Modimo jwa ba tsogela,
mme wa bolaya ba ba nonneng
mo go bona,
wa namalatsa makau a Iseraele.
32 Mme ba tlhokomologa tsotlhe tseo,
ba fela ba leofela pele,
ba se ka ba dumela
dikgakgamatso tsa ona.
33 Ka moo wa fedisa malatsi a bona
mo bosengsepe,
le dinyaga tsa bona mo theregong.
34 Mme e ne ya re fa o ba bolaya,
ba botse ka ga ona, ba tlhabologe,
ba batle Modimo;
35 ba gakologelwe,
fa Modimo e le lefika la bona,
mme Modimo Mogodimodimo
e le mogolodi wa bona.
36 Mme ba rata go o kgona
ka melomo ya bona,
ba o aketsa ka diteme tsa bona;
37 mme dipelo tsa bona
di ne di sa o ineele ka tlhomamo,
ba sa tlhokomele kgolagano ya ona
ka boikanyego.
38 Mme ona
ka o le kutlwelo-botlhoko,
o ne o itshwarela molato,
o sa ba nyeletse; e bile
o ne o busa bogale jwa ona gantsi,
o sa tsose kgakalo yotlhe ya ona.
39 O ne o gopola,
fa bona ba le nama fela,
ba le mowa o o fetang,
o o sa tlholeng o ka boa.
40 Ba ne ba o rukhutlhegela gantsi
jang ne kwa sekakeng,
ba o hutsafatsa kwa gareganaga.
41 Ba leka Modimo gangwe le gape,
ba kgopisa Moitshepi wa Iseraele.
42 Ba ne ba se ke ba gakologelwa
letsogo la ona,
le e seng letsatsi le o ba
namoletseng mmaba ka lone,
43 jale fa o ne o dira ditshupo tsa ona
kwa lefatsheng la Egepeto,
le dikgakgamatso tsa ona
mo nageng ya Soane.
44 O ne wa fetola metsi a dinoka
tsa bona madi,
le a dinokana tsa bona
gore ba retelelwe ke go nwa.
45 Wa ba romela diboba, tsa ba loma,
le digwagwa, tsa ba senyetsa.
46 Thobo ya bona
wa e naya segongwane,
le leungo la matsapa a bona
wa le naya tsie.
47 Wa senya moweine wa bona
ka sefako,
le megokare wa bona ka serame.
48 Wa bolaya dikgomo tsa bona
ka sefako,
le matsomane a bona ka ditladi.
49 Wa ba romela bogale jo bo tukang
jwa ona,
le kgakalo le kgalefo le pitlagano,
lesomo leo la barongwi ba tlalelo.
50 Wa baakanyetsa bogale jwa ona
tsela,
wa se ka wa thibela mewa ya bona
go ya losong,
wa neela leroborobo
maphelo a bona.
51 Wa itaya maitibolo a tsotlhe
mo lefatsheng la Egepeto,
le bana ba ntlha ba thata ya bona
mo ditenteng tsa ga Hame.
52 Mme batho ba ona
wa ba bolotsa jaaka dinku,
wa ba goga mo sekakeng
jaaka letsomane.
53 Wa ba tsamaisa tshireletsong,
mo ba sa boifeng sepe;
mme baba ba bona,
lewatle la ba nwetsa.
54 Wa ba fitlhisa kwa lefatsheng
le le boitshepo la ona,
kwa thabeng e letsogo
le le jang la ona le e thopileng.
55 Mme wa leleka merafe
fa pele ga bona,
wa ba ruisa lefatshe la yona
jaaka boswa
jo ba bo lekanyeditsweng,
wa agisa ditso tsa Iseraele
mo matlong a bona.
56 Mme bona ba ne ba leka Modimo,
Mogodimodimo,
ba o rukhutlhegela,
ba sa tlhokomele ditshupo tsa ona.
57 Ba ikepa, ba dira ka boikanyologo
jaaka borraabo;
ba boela kwa morago
jaaka bora jo bo sa ikanngweng.
58 Ba o kgopisa ka dithota
tsa tlhabelo tsa bona,
ba tsosa lefufa la ona
ka medimo ya diseto ya bona.
59 E rile Modimo o utlwa,
wa galefa, wa latlha Iseraele gotlhe,
60 wa ba wa tlogela Taberenakele
ya kwa Silo,
e bong tente e o neng o e tlhomile
mo bathong.
61 Mme thata ya ona
wa e neela mo botshwarong
le kgalalelo ya onaya ona
mo letsogong la mmaba.
62 Batho ba ona
wa ba neela mo tšhakeng;
boswa jwa ona wa bo gakalela.
63 Molelo o jele makau a bona;
makgarebe a bona ga a ka a
tlhabelwa mogolokwane wa nyalo.
64 Baperesiti ba bona
ba ole ka tšhaka,
mme batlholagadi ba bona
ba palelwa ke go ba lelela.
65 Foo Morena a thanya
jaaka mongwe yo o ne a robetse,
jaaka mogale yo o neng a fentswe
ke weine.
66 A itaya baganetsi ba gagwe,
a ba busetsa kwa morago,
a ba tsisetsa tshotlego
e e sa khutleng.
67 Ke go re:
A latlha tente ya ga Josefa,
a se ka a itlhaolela lotso
lwa ga Eferaime,
68 mme a itlhaolela lotso lwa ga Juta,
thaba ya Sione e a e ratang.
69 A aga Felo-ga-Boitshepo ga gagwe
jaaka bogodimo jwa legodimo,
jaaka lefatshe le o le thaetseng
bosakhutleng.
70 A itlhaolela Dafita,
motlhanka wa gagwe,
a mo tsaya a le kwa merakeng
ya dinku.
71 A mo tlosa a disitse dinku
tse di amusang
gore a dise Jakobe,
batho ba gagwe,
le Iseraele, boswa jwa gagwe.
72 Mme o ne a ba disa ka fa pelong
ya boammaaruri ya gagwe,
a ba tsamaisa ka diatla
tse di maatlametlo.