DIPESALOME 8

Motho ke eng?

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa ba ba gatang segatelo.

2 Morena, Mmusi wa rona,

leina la gago le galalela jang

mo lefatsheng lotlhe,

wena yo borena jwa gago

bo opelelwang kwa legodimong!

3 O itiretse tumiso e kgolo,

e tswa mo melomong ya bana

le ya masea,

ka ntlha ya baganetsi ba gago,

gore o didimatse baba

le baipusolosetsi.

4 Fa ke lebile magodimo a gago,

tiro ya menwana ya gago

le ngwedi le dinaledi

tse o di tlhomileng–

5 kana motho ke eng,

fa o mo gopotse,

ngwana wa motho ke eng,

fa o mmabalela?

6 O mo tlhaedisitse baengele

go le gonnye fela,

wa mo rwesa kgalalelo le bontle.

7 O mo dirile molaodi

wa ditiro tsa diatla tsa gago;

o beile dilo tsotlhe

fa tlase ga dinao tsa gagwe,

8 tsotlhe, dinku le dikgomo,

le tsona diphologolo tsa naga,

9 dinonyane tsa loapi

le ditlhapi tsa lewatle,

le fa e le eng se se ralalang lewatle

ka ditsela tsa lone.

10 Morena, Mmusi wa rona,

kana leina la gago le galalela jang

mo lefatsheng lotlhe!