Moatlhodi yo mogolo le baatlhodi ba tshiamololo
1 Pesalome ya ga Asafe.
Modimo o eme
mo phuthegong ya medimo;
o atlhola fa gare ga medimo.
2 Lo tla atlhola ka tshiamololo
goleele go le kae,
lo ntse lo gobelelela baikepi? Sela.
3 Siamisetsang ba babotlana
le dikhutsana;
nayang batlalelwi le batlhoki
se se ba tshwanetseng.
4 Pholosang ba babotlana
le bahumanegi;
lo ba golole mo diatleng
tsa baikepi.
5 Medimo eo ga e na temogo,
ga e na tlhaloganyo;
e kgarakgatshega mo lefifing;
metheo yotlhe ya lefatshe
e a tshikinyega.
6 Nna ka nosi ke rile, lo medimo;
mme lotlhe lo bomorwa
Mogodimodimo.
7 Mme ruri, lo tla swa jaaka batho,
lo tla wa jaaka mongwe wa ditona.
8 Tloga o eme, Modimo,
o atlhole lefatshe;
gonne o tla rua ditšhaba tsotlhe.