DIPESALOME 84

Boitumelo jwa go nna mo boagong jwa Modimo

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo.

2 Kana maago a gago

a mantlentle jang

wenaMorenawa masomosomo!

3 Mowa wa me o tlhologeletswe,

o fegelelwa malapa aMorena.

Pelo ya me le nama ya me

di dudueletsa Modimo

o o phedileng.

4 Le serobele se iponetse ntlo

le peolwane sentlhaga

kwa e ka bayang

mamphorwana a yona teng,

e bong dialetare tsa gago,

Morenawa masomosomo,

Kgosi ya me, Modimo wa me.

5 Go sego bona ba ba agileng

mo Ntlong ya gago,

ba go baka ka gale. Sela.

6 Go sego motho yo thata ya gagwe

e leng mo go wena,

yo ditsela tse di bonalang

di leng mo pelong ya gagwe.

7 Fa ba ralala mokgatsha

wa komelelo,

ba o dire lefatshe la metswedi;

le gona pula ya ntlha

e o khurumetse ka masego.

8 Ba tsamaya

ba tlhomogantse dithata;

mongwe le mongwe wa bona

o tla bonala fa pele ga Modimo

mo Sione.

9 Morena,

Modimo wa masomosomo,

utlwa thapelo ya me,

a o ko o reetse, wena Modimo

wa ga Jakobe. Sela.

10 Modimo, thebe ya rona,

leba o bone sefatlhego

sa motlodiwa wa gago.

11 Gonne letsatsi le le lengwe fela

mo malapeng a gago

le gaisa malatsi a le sekete

a mangwe.

Ke rata go nna fa serepoding

sa mojako wa Ntlo ya Modimo

wa me bogolo go

go aga mo matlong a boikepo.

12 GonneMorenaModimo

ke letsatsi le thebe;

Morenao tla abela boitshwarelo

le tlotlo;

ba ba tsamayang ka tshiamo

ga a kitla a ba tima tse di molemo.

13 Morenawa masomosomo,

go sego motho yo o go ikanyang.