Kopo ya go batla thuso
1 Thapelo ya ga Dafita.
Morena, ntshekegele tsebe,
o nkutlwe;
gonne ke motlalelwi
le mohumanegi.
2 Boloka mowa wa me;
gonne ke boitshepo.
Wena Modimo wa me,
thusa motlhanka wa gago
yo o go ikantseng.
3 Intshwarele, Morena;
gonne ke ntse ke kuela go wena
letsatsi lotlhe.
4 Itumedise mowa
wa motlhanka wa gago;
gonne ke tsholeletsa mowa wa me
kwa go wena, Morena.
5 Gonne wena, Morena,
o molemo le boitshwarelo;
o bopelonomi jo bogolo mo go
botlhe ba ba goelang kwa go wena.
6 Morena, reetsa thapelo ya me,
o tlhokomele lentswe
la mekokotlelo ya me.
7 Ke goela kwa go wena
ka letsatsi la tlalelo ya me;
gonne o a nkutlwa.
8 Ga go ope mo medimong
o o tshwanang nao, Morena;
ga go na sepe se se tshwanang
le ditiro tsa gago.
9 Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng
di tla tla,
di obamela fa pele ga gago,
Morena,
di tlotla leina la gago.
10 Gonne wena o mogolo,
o dira dikgakgamatso;
wena o Modimo o le wesi fela.
11 Morena, nthute tsela ya gago
gore ke tsamae
mo boammaaruring jwa gago;
kitlanya pelo ya me gore e boife
leina la gago.
12 Morena, Modimo wa me,
ke rata go go baka ka pelo yotlhe
le go tlotla leina la gago
ka bosenabokhutlo.
13 Gonne bopelontle jwa gago
bo bogolo mo go nna,
o golotse mowa wa me
mo felong ga baswi,
fa go kwa tlasetlase.
14 Modimo, baikgantshi ba ntsogetse;
lekoko la ba ba peloethata
le tsoma botshelo jwa me,
mme ga ba go gopole.
15 Mme wena Morena, o Modimo
o o boutlwelo-botlhoko
le boitshwarelo;
ga o fele pelo, o tletse
bopelotlhomogi le boammaaruri.
16 Retologela kwa go nna,
o intshwarele;
naya motlhanka wa gago thata
ya gago,
o thuse morwa lelata la gago.
17 Dira sesupo sa molemo mo go nna
gore ba ba ntlhoileng ba se bone,
ba be ba tlhajwe ke ditlhong,
ka wenaMorenao nthusitse,
o bile o nkgomoditse.